Breaking News

Banana ba kgothadiwa go tsenya letsogo mo ESP

06 Mar 2016

Molaodi wa kgaolo ya Kgatleng Rre Mompoloki Mochanang o kopile Bakgatla segolo thata banana ba ba nang le dikompone go dirisa lenaneo la ESP.

O buile mafoko ao fa a ne a lekodisa morafe ka dingwe ditirelo tse di tlaa dirwang mo kgaolong ya bone ka lenaneo leo ka Labobedi, a tlhalosa fa dingwe tsa ditiro tseo di akaretsa go agiwa ga matlo a borutelo mo dikoleng, matlo a barutabana le go shafatsa dingwe dikago tsa puso.

Molaodi Mochanang o boletse fa maikaelelo a lenaneo leo e le go tswakanya itsholelo le go tlhama ditiro mme o ne a rotloetsa bao ba ba nang le kgatlhego go ikopanya le ba ba lebanyeng go ba thusa.

A re maphata ka go farologana a filwe madi go dira ditiro dingwe a fa sekai ka lephata la  temo-thuo a supa fa mangwe madi a a ntshitsweng a ya go tokafatsa ditsela tse di yang merakeng le masimo gore Batswana ba kgone go ntsha dijo mo masimong go sena dikgoreletsi tsa ditsela tse di sa siamang.

Mo dikgannyeng tse dingwe o ne a ama kgang ya boipuso a tlhalosa fa lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano a supa fa e tlaa bo e le boipuso jo bo faphegileng mme a rotloetsa morafe gore mongwe le mongwe a nne le seabe.

A re o eletsa go bona folaga ya Botswana e phaphasela gongwe le gongwe mo kgaolong ya Kgatleng e le sesupo sa gore Botswana o ipelela dingwaga tse di masome a matlhano a tlatsa ka gore Motswana mongwe le mongwe a ntshe bothakga ja gagwe ka nako eo ka ditalente tse ba nang natso.

O ne a supa fa a itse sentle gore Bakgatla ke batho ba mmino wa dikhwaere mme o ne a ba rotloetsa go tla go supa bokgoni jwa bone ka dikhwaere ka nako ya boipuso.
Molaodi o ne gape a gakolola Bakgatla ka  molelo wa kgolagano o o tsamaisiwang lefatshe leno lotlhe a tlhalosa fa a eletsa gore le one ba tle ba o gorose mo kgaolong ya bone ka mokgwa o o faphegileng ba apere mebala ya lefatshe leno.

Fa a wetsa mafoko a gagwe, molaodi o ne a kopa setshaba go nna ba tlatsa difomo mo diofising tsa puso tse di tlaa thusang bagolwane go sekaseka gore bodiredi bo thusa setshaba ka tsela e e ntseng jang.

E ntse e le mo phuthegong eo, mogokaganyi wa balekane ba Botswana mo Kgatleng, Mme Adelaide Oathotse o ne a rotloetsa balekane ba Botswana go ikwadisa gore ba tle ba nne le seabe mo boipusong jwa ngwaga ono a tlatsa ka gore ba ba ikwadisitseng ba setse ba tlhamile komiti.

A re maikaelelo a bone ke go agela mongwe ntlo e le sesupo sa gore le bone ba kgathala ka matshelo a batho ba bangwe.

Fa ba mo kgwa dikgaba, Bakgatla ba ne ba tlhalosa fa le bone ba eletsa gore boipuso jwa ngwaga ono bo nne jo bo faphegileng ka lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano.
Le fa go ntse jalo ba ne ba kopa molaodi gore a ba thuse ka go aga leobo la lekgotla la bone ba supa fa le se mo seemong se se siameng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mochudi

Event : Phuthego

Date : 06 Mar 2016