Tidima o a ipelega
06 Mar 2016
Banni ba dikgotla tsa Tidimalo, Dilaene, Madiba le Madiba14 tse di bidiwang Tidima ka bokhutshwane mo Mahalapye, ba kokoanya madi go dira ditlhabololo mo dikgotlaneng tsa bone.
Fa a bua mo kgaisanong ya dijo e e neng e tshwaretswe ko kgotleng ya Tidimalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya dikgaolwana tse, Rre Gareutwane Semente a re ba bone go tshwanela gore ba tle ka maano a a ka tsisang madi mo letloleng la bone.
Rre Semente a re se ke tshimologo ya ditiro tse ba tlaa di dirang tse di tlaa tsenayang madi mo komiting.
A re keletso ya bone e le beng ba dikgotla tse ke go itirela madi a a ka ba thusang mo dinakong di tshwana le tsa gompieno tse puso e senang madi a a lekaneng go dira ditlhabololo.
A re ba tlaa leka ka bojotlhe go dirisanya le merafe ya bone go kgobokanya madi ka ba ka se kgone go dira tiro e ba le nosi.
A re kgaisano e ya dijo e ne e le go kgobokanya madi mme gape e le go kopanya merafe ya bone gore e itsane.
O ne a re dikgaisano tse ba di dirang ga ba tsee madi fela mme ba busetsa batho ka go atswa ba ba fentseng.
A re ba batla gore ba kgobokanye madi a a ka lekanang go aga ntlo ya dikamore tse pedi, e ba e hirisang gore ba tsenye madi mo letloleng.
A re gape sekole se sebotlana sa Fredrick se kopile kgotla nngwe le nngwe go ba thusa ka madi a a ka tshwarang sekete, go ipaakanyetsa moletlo wa dingwaga tse di masome a mane ka jalo le bone ba batla go kgona go a ntsha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : Mahalapye
Event : kgaisano
Date : 06 Mar 2016






