Breaking News

LIMID e diragatsa ditoro tsa monana

03 Mar 2016

Batswana ba kgothadiwa go inaakanya le mananeo a puso e tsweletseng ka go a ntsha gore ba tokafatse matshelo a bone.

Rre Ofentse Motshwana wa Mahalapye yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa ke mongwe wa ba ba ikemetseng ka dinao.

O ruetse kwa merakeng ya Malepe gaufi le Bonwapitse.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Motshwana a re o ne a sa dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro mo go dirileng gore a seka a tswelela le sekole.

A re maduo a a sa nametseng a ne a thatafatsa botshelo jwa gagwe.

Go thatafala ga botshelo go ne ga mo ruta go rekisa kwa mapalamelong a dibase kgangkgolo e le go leka go itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo.

“Morago ga dingwaga tse pedi ke ntse ke rekisa ka lemoga gore mo ga se tiro ya sepe e e ka nkisang gope mo botshelong ka madi a teng a felela fela mo dijong, gape kana ke ntse ke a gola ke ka se kgone go taboga fa morago ga dibase fa ke godile,”a tlhalosa.

A re o ne a simolola go akanya ka mananeo a puso.

Morago ga go akanya ka seo, a re o ne a tlhopha lenaneo la LIMID mme a tlatsa difomo go ikopela dithuso tsa dihutshane kwa lephateng la matlhoko a leruo mo Mahalapye.

Rre Motshwana o ne a fiwa dihutshane di le lesome le boraro ka ngwaga wa 2013.

O tsweletse a tlhalosa ka gore ene o tswa kgakala a rata leruo, sebe sa phiri e le go tlhoka ditsompelo tsa go ka reka leruo mme e re ka Modimo o sa latlhe ope toro ya gagwe ka lenaneo la LIMID ya atlega.

A re o ne a ya sekoleng go ya go ithuta ka leruo kwa Rural Industries Innovation Centre gore a tle a kgone go tlhokomela dihutshane tsa gagwe sentle.

“Ka lesego la Modimo ke ne ka fenya dithuto tseo ka bo ka fiwa setlankana,”a tlhalosa.

Mo nakong ya gompieno o supa fa dihutshane tsa gagwe di atile fela thata.

A re tlhokomelo e e kanakana e,e tswa mo dithutong tse a di amuleng ka nako ya ithutuntsho, a tlatsa ka gore o na le kitso e e kwa godimo ka dihutshane.

O boletse gore fa dihutshane di ntsifala o rekisa tse dingwe go ka itshetsa ga mmogo le go rekela tse dingwe dijo le melemo.

O kaile fa bareki ba gagwe e le ba lenaneo la nyeletso lehuma ga mmogo le ba madi a banana (YDF).

E re go ntse jalo,Rre Motshwana a re o na le keletso ya go lemela leruo la gagwe dijo sebe sa phiri ke tlhaelo ya lefatshe.

A re kgwetlho kgolo e ba kopanang le yone e le barui ke ya bogodu jwa leruo,mme a re o kopa mapodisi go tshwara badira molato.O tswelela a tlhalosa fa magodu a leruo a phirimisa ditoro tsa puso tsa go nyeletsa lehuma mo bathong ba lefatshe leno.

A re fa dilo di ka tsamaya ka fa a eletsang ka teng o batla go  godisa kgwebo ya gagwe gore a kgone go rekisetsa mabentlele a matona nama ya podi.

O rotloetsa banana go tsaya temo-thuo ka tlhwaafalo ka e ka kgona go bulela banana ba bangwe diphatlha tsa mebereko.

Rre Motshwana o rotloeditse banana gore ba seka ba itlhoboga mo botshelong mme ba dirise mananeo a puso go fetola matshelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 03 Mar 2016