Kgosi o lela ka botlhoka tsebe
03 Mar 2016
Kgosi Moemedi Selolwane a re borukutlhi bo ama itsholelo ya lefatshe mme fa go kgalemiwa, ke ba palonyana fela e e tsenang mo seatleng ba ba sekegelang mafoko ao tsebe.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o ne a re dilo di tshwana le dipolaano tsa baratani, go utswiwa ga leruo, tiriso ya dinotagi le diritibatsi ke matlhabisa ditlhong.
Kgosi a re fa go sena ope yo o kgatlhegelang go fetoga, ga salwa morago melao, lefatshe le tlaa dikologa mo seemong se le sengwe go sena tswelelopele.
O ne a kgothatsa banana gore gore ba tsee maikarabelo a go tokafatsa matshelo a bone go na le go inaakanya le nnotagi le diritibatsi.
Kgosi a re majalwa a a itirelwang mo malwapeng a santse a dirwa ka fa sephiring, e bile banwi ba majalwa ao ba iphitlhela ba le mo tlhoka kutlwisisanong e morago e kgonang go tsosa dintwa tse di sa tlhokegeng.
A re bontsi jwa nako majalwa a a nwelwa kwa merakeng le masimo, a re mme fa go ntse jalo, dithuso ga se tse di tlaa bonwang gone foo fa go tsogile kgaruru, a re mo gongwe seemo se ya go sele, phelelong bangwe ba latlhegelwe ke matshelo.
Kgosi Thomas Manyala a re go tlhoka popagano le go gakololana ke gone mo go busetsang lefatshe kwa morago.
Mo letlhakoreng le lengwe, mogolo wa motse Rre Tsayang Motimane o ne a re go rekisa lefatshe la Botswana go simolola ka Motswana yo o leng mo gae ka go rata le go amogela se se mo tikologong ya gagwe.
A re o eletsa go bona ditshaba di bogela bodiragatsi jwa morafe wa bone mo ditshwantshong tsa motshikinyego lefatshe ka bophara. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2016






