Maphata a isa ditlamelo kwa Malatswai
03 Mar 2016
Maphata a puso le makalana a a ikemetseng a ne a isitse ditlamelo kwa Malatswai mo kgaolong ya Legare ka Labobedi.
Mothusa molaodi wa Serowe, Mme Oabona Kalwetse, o tlhalositse gore maikaelelo a lenaneo la go isa ditlamelo kwa bathong ke go leka go ba khutshwafaletsa mosepele ka jaana ba tsaya dingwe tsa tsone kgakala kwa Serowe.
Mme Kalwetse a re bangwe ba bone ga ba kgone gotlhelele go latela ditlamelo kwa Serowe ka mabaka a a farologanyeng,a re gape ke go leka go ba ruta gore maphata le makalana a fa dithuso tsa mofuta ofe.
A tswelela ka gore lenaneo le ba thusa gore ba lekole morafe ba bo ba utlwe mathata a bone. Mme Kalwetse o ne a ba tlhalosetsa ka ditirelo tse di fiwang ke ofisi ya ga molaodi, di tshwana manyalo ka mefuta ya one.
O ile a rotloetsa gore ba seka ba nna mmogo ba sa nyalana ka gore go dira jalo go dira gore fa yo mongwe tlhokafala masika a gagwe ba bo ba tsenya yo o setseng dingalo ka dithoto. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Bokopano
Date : 03 Mar 2016






