Tona o tlhaba dikomiti podi matseba
03 Mar 2016
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, o gwetlhile maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go nna podi matseba ka tiro ya bone.
O buile jalo ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla e e neng e tsenwe ke baemedi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go tswa mo kgaolong ya Mmathethe-Molapowabojang.
Mme Tshireletso a re maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a tshwanetse go obamela melawana e e tsamaisang dikomiti go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae.
A re go le gantsi go na le dikomiti mo mafelong mangwe tse di tlotlileng go sa obameleng melawana eo mme ba felele ba itirela ya bone e a reng go le gantsi o fitlhela e baya makgamu a batho bangwe ka fa mosing.
O supile fa a lemogile gore go le gantsi maloko mangwe a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ga a letlelelwe go ka tsena mananeo a Ipelegeng segolo bogolo a go apaya diphaphatha tse di fiwang babereki ba Ipelegeng.
Le fa go ntse jalo, mothusa tona o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go akola dithuso tse di roletsweng setshaba ke puso kwa ntle ga kgethololo ka jaana kwa komiting ya ditlhabololo ba a bo ba ithaopile fela.
Mme Tshireletso o ne a gakolola dikomiti go nefefatsa gore ba tshwara diphuthego mo dikgotleng tsa bone go lekodisa morafe ka fa ba tshwereng ka teng a re e bile go tlaa ba thusa go amogana megopolo go ka tokafatsa ditsamaiso tsa ditirelo mo motseng.
O ne a kopa baeteledipele ba dikomiti go nna sesupo mo setshabeng ka go nna botho le go dira ka bonatla.
A re go dira jalo go ka nonotsha komiti gore e nne tlhaga mo go ageng metse ya bone ka botswapelo.
O ne gape a ba kopa go nna lebole ka go gopola ba ba dikobo dikhutshwane ka go nna ba ba agela matlo le tse dingwe tse di ka thusang go tokafatsa seemo sa matshelo a bone gore le bone ba tshele matshelo a a eletsegang.
O gwetlhile batshwara madi gore le bone ba nne malalaalaotswe ka dipego tsa madi a gatelela ka gore sengwe le sengwe se direlwe mo pontsheng go itsa dikgoberego.
Mo go tse dingwe, mothusa tona o ne a ba tsibosa ka ditsetlana dingwe mo melawaneng ya go tsamaisa dikomiti e e kgaphetsweng kwa ntle morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng.
O supile fa tsetlana e e neng e tlama gore leloko la komiti le bo le kgona go bala Setswana kana sekgoa mme e tswelela ka gore kana leloko le bo le na le teseletso ya boagedi e phimotswe ka go lebega e ne e na le dibelebejana.
Fa a amogela baeng, Kgosi Kedirile Letshabo o ne a ikuela mo go mothusa tona gore motse wa Molapowabojang o saletse kwa morago ka ditlhabololo ka jalo a kopa mothusa tona gore ba sekasekelwe mo lenaneong la go rudisa itsholelo (ESP) go potlakanyetsa kago ya metshelakgabo e e mo kgaolong ya bone.
O ne a supa gape fa motse wa bone o sena ditselana tse di tsenelelang mo gare ga motse mme se, se sa jese diwelang, a supa fa seo se ba baya ka fa mosing ka jaana motse o ketefalelwa ke go oka bagwebi.
Kgosi Letshabo o supile fa ba tlhokana le koloi ya kgotla ka jaana ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya dipalamo.
Mo go tse dingwe, maloko a dikomiti a ne a kopa gore ba okelediwe madi a dikatso go tswa mo go makgolo a mabedi le masome a a ferangbongwe a dipula go ya kwa go makgolo a matlhano a dipula gore ba tle ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone.
Ba ne ba tlatsa ka gore ba kopa gore ba amogelele kwa diposong go na le gore ba neelwe dicheke kana ba latisetswe madi ao kwa metseng ya bone ke ba ba maleba, ba tlhalosa fa bangwe ba kgona go nna dikgwedi ba sa amogele ka ntlha ya gore ba nna kwa metseng e e kgakala le ditlamelo mme ba sena le one madi a go latela dicheke tseo kwa metseng e megolwane.
Ba ne ba supa gape gore bommaboipelego ba na le go nna maoto a tshupa go dira ditlhotlhomiso tsa batho ba ba tshwanetseng go bona dithuso tsa ga goromente.
Fa a ba kgwa dikgaba, Mme Tshireletso o kopile ba ofisi ya boipelego go tsenya leitlho le le ntshotsho mo go kanokeng batlhoki ka jaana a re o fitlhela bangwe ba na le bokgoni jwa go ka itshwarela ka diatla mme ba tsentswe mo lenaneong la batlhoki mme go tlodisiwa matlho yo e leng motlhoki tota e bile a sena tokololo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Molapowabojang
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Mar 2016






