Banana ba rotloediwa go tsaa tsia mananeo a puso
03 Mar 2016
Banana ba Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba kgothaditswe go tsaya ka tlhwaafalo mananeo a puso gore ba tokafatse matshelo a bone gammogo le go itlhamela dikgwebo.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, kgosana ya kgotlana ya Gaosafelwe, Rre Motswakhumo Gaosafelwe a re letlhoko la ditiro le golela pele lefatshe leno ka bopharo, ka jalo a gwetlha banana go sola molemo mananeo a puso gore ba itlhamele ditiro.
Kgosi Gaosafelwe a re ntswa go na la mananeo a le mantsi a a ka thusang banana go itshimololela dikgwebo tse di ka ba tlhamelang mebereko, bangwe ba santse ba goga dinao go a ikopela.
O ne a tlhagisa banana ba ba sa ntseng ba itlhokomolosa go dirisa sebaka seo gore ba tla lelela kgama le mogogoro ka dilo di ntse di thatafalela pele.
Mo go la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke dipalo tse di ko tlase tsa banana ba ba ikopelang mananeo a puso.
Rre Batlhophi yo e bileng e le modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng a re o swabisiwa ke go bona dipalo tsa banana ba Takatokwane ba ba setseng ba tsere mananeo di le boutsana, le ntswa ba na le ditlamelo gaufi ka ba na le ofisi ya banana mo motseng wa bone.
O ne a gakolola banana ka mananeo a tshwana le Youth Development Fund, Youth Empowerment Scheme le Special ISPAAD a re a ka ba tokafaletsa matshelo ka go ba tlhamela mebereko.
Rre Batlhophi a re gape banana ba motse oo ga ba supe kgatlhego mo sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla se se leng mo motseng wa bone.
O ne a gakolola banana go tsaya tsia le go inaakanya le dithuto tsa tiro ya diatla, ka a re di bogadi bo gaufi, a kaya fa monana a ka kgona go itshetsa ka diatla tsa gagwe fa a setse a tseneletse dithuto tseo.
E ne ya re ba tswa la bone, banana ba ne ba supa fa dikgwetlho di tshwana le go tlhoka lefelo le ba direlang dikgwebo mo go lone di ba paledisa go akola mananeo mangwe a puso, mme ba kopa ba lekgotla la kabo ditsha gore ba tsibogele dikopo tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakaneng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Mar 2016






