Breaking News

Banni ba batla tshoboko ya tebelopele ya 2016

02 Mar 2016

Banni ba Rakops mo kgaolong ya Boteti ba re ba ka bo ba roletswe  tshekatsheko ya tebelopele ee welang ya 2016 pele go agiwa e ntsha ya 2036.

Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilwemg ke Tautona go loga tebelopele e ntsha ya 2036.

Le fa go ntse jalo, mongwe wa banni, Rre Letimile Tafila, a re ene o eletsa gore ka 2036 diphologolo di bo di kgaoganye le batho, tlhako le molomo e fedisitswe. 

Rre Gaboitatolwe Jenjele a re ba batla go aga Botswana  yo o tlhabologile e bile Batswana ba fiwa ditlamelo ka go lekalekana.

Rre Lemogang Motaung a re ene o batla gore Batswana ba bo ba itirela, ba ijesa, a re itsholelo e ka tokafala fa e tsentswe mo diatleng tsa Batswana ba bo ba busetsa kwa pusong, Batswana botlhe ba akareditswe mo molao motheong.

Mme Bashingi Boingotlo a re ka 2036 Batswana ba bo ba itlhophela Tautona, lenyalo le dirwa ke dikgosi,ditlhabololo di akaretsa Batswana botlhe, go agilwe madirelo a diteemane fa di tswang teng.

Mme Nkgowa Utlwang  a re ba batla go bona mapalamente a bone mo telebisheneng,dikhansele di i kemetse,setho sa Batswana e le se se siameng gape ba tsewa ka tekatekanyo.

Rre Batontoki Ramakhubu a re o eletsa gore ditsela, ditlamelo tsa botsogo di bo di siame, thuto e e akaretsang batho botlhe le temo-thuo e le e e jesang lefatshe la Botswana le a mangwe.

Rre  Amogelang Lulani a re diteme  tsotlhe di bo di rutiwa mo dikoleng, gape go sekasekwe kgololesego ya ditumelo.

E rile fa a soboka megopolo ya bone mongwe wa lekoko leo, Dr Lemogang Kwape a re banni ba batla go akola meamuso ka tekatekanyo, metsi a a siameng, ditsela, dikole, diphologolo di sa kgoreletse temo-thuo,boeteledipele bo fetoga le dinako,ditlamelo di isiwe kwa masimong le meraka, baemedi ba sepolotiki ba fiwe dipaka tse pedi fela e leng dingwaga tse some, ba itheeletse baemedi fa ba le kwa palamenteng,Tautona a itlhophelwa,go bo go sireletswe ngwao ka pina le puo. 

E rile a mogela lekoko le, mothusa kgosi wa motse oo, Kgosi Kopano Mabona a supa gore ba tlhaloganya gore dilo dingwe ga di a wela ka tebelepele ya 2016 ka lebaka la kwelotlase ya itsholelo,a re o solofela gore ba ya go boeletsa dingwe, a tswelela ka gore lefatshe leno le ne le nna le dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa a re o solofela gore Batswana ba rutegile ba tlhaloganya gore go iwa kae. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Mar 2016