Ba kgothadiwa go tsaya diritibatsi
02 Mar 2016
Kgosi Enametse Sebolao wa Pallaroad mo kgaolong-potlana ya Mahalapye o kgothaditse banni ba motse wa gagwe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo.
O ba rotloeditse go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV fa ba iphitlhela ba na le one.
Kgosi Sebolao o buile se mo potsolotsong bosheng.
A re boeteledipele jwa metse ka go farologana bo tshwanetse go ema puso nokeng go ka gakolola setshaba ka malwetse.
A re puso e rata batho ba yone fela thata ke ka moo e neng ya ema ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare.
Kgosi Sebolao a re go tsaya kgato moo go ne ga fokotsa dipalo tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo.
Kgosi o tlhalosa fa nako e gorogile ya gore setshaba se tlhabiwe ke ditlhong mo go tlhomamiseng gore ba tsaya kgato e e maleba, a tlatsa ka gore go maswabi gore bangwe mo nakong ya gampieno ba bo sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela botsotsi jwa go tlhoka go nwa dipilisi ka fa go tshwanetseng ka teng.
O ba kopile go emisa nnotagi gore dipilisi di tle di bereke ka fa go tshwanetseng ka teng go lwantsha bokete jwa mogare.
Go santse go le go foo, a re go a tshwenya gore e re mo nakong ya gompieno go bo go santse go na le masea a a tsholwang a na le mogare wa HIV le mororo mananeo a a tshwanang le a PMTCT a le teng go hemela bana bao.
A re fa lenaneo le le itshupile le na le ditla morago tse di molemo go sa ntse go na le masea a a tsholwang a na le mogare ka ntlha ya gore bomme bangwe ba maoto a tshupa go le tsenelela, le mororo ba itse seemo sa bone sa mogare.
“Batho a re babaleleng masea a rona ka lenaneo la PMTCT tu ke a lo kopa,”a tlhalosa.
O kaile fa go itlhokomolosa lenaneo la PMTCT ke bomme bangwe e le go phirimisa ditoro tsa puso tsa go fedisa segajaja sa HIV/AIDS.
A re o kgothatsa bomme gore fa ba lemoga fa ba imile ba ikatumetse ba bongaka go itlhatlhoba le gone go tsaya dikgakololo gore ba tle ba sireletse masea.
Kgosi a re,e re ka HIV/AIDS e apesitse lefatshe leno kobo la letshoba,a re o rotloetsa lenaneo la loaro la borre ka e le nngwe tsela e e ka thusang go fokotsa kanamo ya mogare ka ba bongaka ba supa rre yo o rupileng a sireletsegile ka 60% go ka tsenwa ke mogare.
A re mo godimo ga moo, o ba rotloetsa go tswelela ba dirisa dikhondomo ka dinako tsotlhe fa ba tlhakanela dikobo.
A re o kopa bomme go rotloetsa bana ba bone ba basimane gore ba rupe, a tlatsa ka gore kwa ntle ga go fokotsa go tsenwa ke mogare gape ba leka go thusa gore mme a seka a tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo.
Kgosi Sebolao a re o rotloetsa setshaba ka kakaretso go ema ka dinao go lwantsha mogare wa HIV/AIDS ka methale yotlhe e puso e tlang ka yone go ka nyeletsa segajaja seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 02 Mar 2016






