Breaking News

Tshwaragano e ka tsisa maduo

02 Mar 2016

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng a re sekole se sebotlana sa Takatokwane se ka dira sentle fa batsadi le barutabana ba ka tshwaragana.

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Takatokwane bosheng, Rre Tlotlo Batlhophi a re batsadi ba tshwanetse go emela thuto ya bana ka dinao gore sekole se ntshe maduo a a nametsang.

O supile fa maduo a sekole sa Takatokwane a sa kgatlhise gotlhelele, mme a supa fa tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi le barutabana e le yone fela thulaganyo e e ka thusang go tokafatsa maduo a bana.

A re le fa batsadi bangwe ba ne ba seka ba nna le lesego la go tsena sekole, le bone ba ka nna le seabe se setona mo thutong ya bana ba bone, ka go netefatsa gore bana ba apere sentle e bile ba fitlhotse pele ga ba ya sekoleng.

A re dikole tse di dirang sentle mo lefatsheng leno, di ntsha maduo a mantle ka ntlha ya gore batsadi le barutabana ba dirisana sentle, ka jalo a kopa batsadi  ba Takatokwane go pataganela bana le barutabana gore ba agele bana ba bone bokamoso jo bontle.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole, Rre Kgaogano Pagiwa o ne a supa fa batsadi bangwe ba ikgogetse morago mo thutong ya bana, a kaya fa ba sa tsibogele dipitso tsa ko sekoleng, mme a re go dira jalo go gogisa barutabana bokete.

Rre Pagiwa o rotloeditse batsadi go etela sekole go bona gore bana ba dira jang, a tlhalosa fa ba butse dikgoro gore fa batsadi ba ngongorega ka sepe fela, ba ba itsise ka gore ba ka kgona fela fa ba tshwaragane mmogo.

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Peolane Modisaotsile o ne a bua a menne phatla ka mosola wa go dira mmogo ga batsadi le barutabana mo thutong ya bana.

A re ga a jesiwe diwelang ke go goga dinao ga batsadi fa go tla mo thutong ya bana bogolo jang ka ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa sekole go utlwa gore matsapa di a tsaya kae.

Motlhatlhelela-barutabagolo mo lenaneong la thuto-ga-e-golelwe kwa Takatokwane, Rre Alfred Tutu a re bontsi jwa batsadi ba motse oo go lebega ba sa itse bomosola jwa thuto, ka a re le lenaneo la thuto-ga-golelwe ga ba le kgatlhegele.

O supile fa thuto e le botlhokwa thata mo botshelong jwa segompieno ka jalo e tshwanetse go tsewa tsia ke ba-na-le seabe botlhe go akarediwa batsadi,baithuti le barutabana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Mar 2016