Phase IV o batla thuto ya tiro diatla
02 Mar 2016
Banni ba kgotla ya Phase IV kwa Francistown ba re ba eletsa gore ka ngwaga wa 2036, thuto e bo e tswakantswe le thuto ya tiro ya diatla.
Ba ntshitse mogopolo oo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo mo setshabeng ka tebelopele ya 2036.
Mongwe wa banni, Mme Kelebogile Lekang, o tlhalositse fa thuto e ile kwa tlase ka ntata ya gore bana ba imetswa dithuto kwa dikoleng ba sa le ba botlana.
Ka jalo a re go dira jalo go bolaya ditlhaloganyo tsa baithuti mme seo se feletse se baka gore baithuti ba palelwe ke go ntsha maduo a a itumedisang.
O bile a kopa gore baithuti ba ba sa dirang sentle mo dithutong tsa bone ba fiwe sebaka sa go boelela dithuto go na le go fetisiwa fela.
E ne ya re fa a tswa la gagwe, Mme Marea Gaolefufa a kopa gore puso e seka seke tsela e mo go yone go thapiwang badiri mo ditirong.
O boletse fa a le sebete se molangwana ka fa go lopiwang maitemogelo a dingwaga a batho mo ditirong.
Mme Gaolefufa a re selo se ka bosone se baya ba le bantsi ka fa mosing, segolo bogolo banana ba dialogane le ntswa ba na le dithutego tse di tlhokafalang tsa tiro eo.
Rre Nimrod Thankene ene o tlhalositse fa banana ba lefatshe leno ba na le bodiragatsi le bokgoni jwa go tsamaisa dikgwebo, mme se se tlhokafalang fela ke gore ba rutuntshiwe ga mmogo le go nonotshiwa go ribolola bodiragatsi go itshetsa.
Rre Thankene a re fa banana ba ka rutuntshiwa ka tsamaiso e e lolameng ya kgwebo go ka thusa go itsa gore dikgwebo tsa bone di phutlhame.
Mo go tse dingwe, Rre Thankene a re o eletsa gore dikgosi di okelediwe dithata tse di ka ba kgontshang go gagamaletsa dirukutlhi setoropo.
Fa a ba kgwa dikgaba, leloko la lekoko la 2036, Mme Regina Vaka, o ne a tlhalosa fa megopolo ya bone e le botlhokwa fela thata mo go ageng setshaba sa lefatshe leno.
Mme Vaka o bile a supa matshwenyego mabapi le dipalo tse di boutsana tsa banana go ntsha megopolo ya bone ya tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036 le ntswa e le bone baeteledipele ba ka moso ba lefatshe leno.
Le fa go ntse jalo, Mme Vaka a re ka ba itemogetse gore banana ga ba tsene diphuthego tsa kgotla go ntsha dikeletso tsa bone, ba dirile gore go nne le tsela e ka yone ba ntshang megopolo ya bone ka tiriso ya maranyane a segompieno a tshwana le Facebook le Twitter. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Francistown
Event : Phuthego
Date : 02 Mar 2016






