Breaking News

Mophato o ka thusa go lwantsha borukutlhi

01 Mar 2016

Go simolodisa gape setlhopha sa baithaopi se se neng se itsege ka leina la mophato go tlhalositswe go ka fokotsa borukutlhi.

Go boletse jalo motlhokomedi wa setlhopha sa twantsho borukutlhi sa kgaolo ya Boribamo Botlhaba mo Molepolole, Special Constable Theodora Motlhaomme mo phuthegong le dikgosi le boralekgotla ba kgaolo e bosheng.

Special Constable Motlhaomme o tlhalositse gore borukutlhi mo kgaolong e bo a tshwenya mme mapodisi le setlhopha sa twantsho borukutlhi ba ka se kgone ba le nosi ka jalo a re go botlhokwa go tswa ka methale e mesha ya go lwantsha borukutlhi.

O ne a tswelela a bolela fa bontsi jwa babelaelwa mo melatong e e begwang kwa ofising ya sepodisi ya Molepolole ba tswa mo kgaolong ya Boribamo Botlhaba.

A re ke ka moo go leng maleba go simolodisa setlhopha sa Mophato se a tlhalositseng fa se ka isa dipalo tsa borukutlhi le botlhokatsebe kwa tlase. 

A re go simolodisa mophato e tlaa bo e se selo se sesha ka o kile wa dirisiwa kwa Mokwena.

A re tiriso ya mophato e ne ya tswa maduo a re batho ba ba neng ba gobeya bosigo ba ne ba se na mabaka a a utlwalang mme ba ne ba tshwarwa ba isiwa kwa dikgotleng go otlhaiwa.

Mme Motlhaomme o tlhalositse fa dikgotla tsa Ntloolengwae, Boribamo Bophirima le Mankgwenyane di setse di na le mephato, a supa fa borre mmogo le bomme ba ithaopile ka jalo ba na le dinako tse ba tlhodumelang motse go bona gore a ga gona borukutlhi jo bo dirwang.

Mo kakgelong ya gagwe, Rre Montisetse Ramphatlhose o tlhalositse fa go tlhoka tshireletsego ga malomatsebe go kgoba marapo ka go baya matshelo a ba ba neng ba eletsa go tsiboga ka go bega dikgang tsa borukutlhi mo diphatseng, ka jalo se a re ke sone se dirang gore banni ba itlhokomolose go begela ba sepodisi dikgang tsa borukutlhi a re le bone ba ditlhopha tsa twantsho borukutlhi ga ba a sireletsega.

A tswelela a tlhalosa fa go simolodisa mophato go ka tswa maduo, mme fela a re ga go sa tlhole go na le baithaopi ka batho ba batla go atswiwa go dira tiro eo.

Fa a akgela, Rre Basi Mongalo o tlhalositse gore ga gona tshwaragano le tirisano mmogo ka morafe le ba twantsho borukutlhi, a re se se supega ka go tlhoka go rata ga batsadi fa bana ba otlhaelwa botlhokatsebe kana borukutlhi.

Mmogo le gone go tlhoka go tsena diphuthego tsa twantsho borukutlhi.O ne a tswelela a re mophato o ka tswa maduo fa setlhopha se se ka dirwa ke borre fela.

Mo kakgelong ya gagwe, Rre Joseph Gabobegwe o tlhalositse gore go na le boitseme mo dikgotleng dingwe tse di tlhomamisitsweng mme a re se se ba busetsa ko morago mo go rarabololeng dikgang tsa botlhokatsebe le borukutlhi.

O tsweletse a akgola setlhopha sa twantsho borukutlhi sa kgaolo ya Boribamo Botlhaba a re se dira ka natla go lwantsha borukutlhi. Fa a akgela mo go ya go simolodisa mophato, o ne a tlhalosa fa batho ba le boitseme go ithaopa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : Molepolole

Event : Bokopano

Date : 01 Mar 2016