Tsayang dithuto ka tlhwaafalo - Makgalemele
01 Mar 2016
Banni ba Dibete ba kgothaditswe go tsaya dithuto tsa lenaneo le le rudisang itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) ka tlhwaafalo.
Mafoko a, a builwe ke mothusa tona wa lephata la merero ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, kwa thuto puisanong ka lenaneo la ESP le go tlhama ditiro kwa Dibete ka mafelo a beke.
Rre Makgalemele a re batsaya karolo mo dithutong tse ba tshwanetse go di tsaya tsia, ba ikiteye ka thupana gore ba tle ba kgone go akola ESP.
A re maikaelelo a puso ke go tlhabolola matshelo a batho ke ka moo e dirileng lenaneo le gore ka lone Batswana ba itlhamele ditiro ka go simolodisa dikgwebo tse ka tsone gape ba ka tlhabololang lefatshe gammogo le matshelo le metse ya bone.
O kopile kgaolo ya Shoshong go itlama go tsaya dikgwebo ka tlhwaafalo mme ba busetse serodumo se kgaolo ya bone e neng e itsege ka sone.
O ne a tlhalosa gore le ene o eletsa go bona go na le banana kgotsa banni mo metseng ya kgaolo ya gagwe ba tsweletse pele ka go simolola dikgwebo tse ka tsone ba ka kgonang go thapa ba bangwe go fokotsa lehuma mo kgaolong.
Rre Makgalemele a re maikaelelo a thuto seka dipuisano e, ke go rotloetsa banni go simolola dikgwebo, go tsisa bagwebi mo kgaolong le go tlhabolola matshelo a batho ka go akola mananeo a puso e a dirang go leka go rudisa itsholelo.
A re maikaelelo gape ke go tsisa bagwebi ba bagolwane, maphata a puso a a farologaneng go tla go rutuntsha le go rotloetsa banni go tsaya malebela le go kgothala go ka dira dikgwebo.
O ne a tlhalosa gore motse wa Dibete ke mongwe wa metse e e ka ba solegelang molemo thata e le banni ba kgaolo ka o le mo tseleng ya A1 gape o le gaufi le seporo ka jalo ba ka dirisa se, go itlhabolola ka ba ka se sokole go rekisa dithoto tsa bone.
O ne a ba kgothatsa go nna le leitlho le le nchocho, ditlhaloganyo tse di bulegileng gore ba ka dirang gore ba akole dilo tsotlhe ka e bile ba tlaa bo ba thusa le lefatshe go tsosolosa itsholelo ka kakaretso.
Fa a tswa la gagwe, modiredi go tswa kwa lephateng la theko le thekiso la Local Authority Procument and Asset Disposal Mme Priscilla Wadipepa, o ne a tlhatlhelela batsaya karolo mo thuto puisanong eo ka fa dithendara di tsamaisiwang ka teng.
Mme Wadipeba a re dikgwebo ka bontsi fa di batla go dirisiwa ke puso go dira ditiro ba tshwanetse go sala morago tsotlhe tse di tlhokafalang, ba tlatse difomo ka fa tshwanelong.
A re fa ba sena go dira jalo go na le komiti e ka yone e sekasekang gore a baikopedi botlhe ba tsentse tse di tlhokafalang, a tlatsa ka gore ga go ope yo o kgonang go ganwa ke thendera a sa tsenya sepe se se neng se sa kopiwa kwa tshimologong.
Mme Wadipeba o ne a ba kopa gore bone e bile ba le mo metseng e mebotlana ba tshwanetse go tsaya lenaneo le la ESP ka tlhwaafalo ka e bile le itebagantse thata le bagwebi ba ba botlana mme ka jalo ba ka se batliwe sepe se sentsi.
O ne a ba rotloetsa go simolola dikgwebo gore ba tle ba akole lenaneo le gore ere le fela ka ngwaga wa 2019 ba bo ba le akotse ba le bantsi.
A re ba berekela mo nakong, mme ba nne tlhaga go le dirisa ka e bile ba ka kgona gape le go inamola mo lehumeng.
Mme Wadipeba o ne a tlhalosa gape gore fa bagwebi ba setse ba ikopetse ditirelo ba sekasekwa ka go tshwana mme le fa o sa kgona go tswa sentle o lemotshiwa diphoso tsa gago gore e re nako e e tlang o seka wa boelela diphoso tse mme le wena o akole nako nngwe.
A re maikaelelo a puso ke gore mongwe le mongwe a itse diphoso tsa gagwe, a tlatsa ka gore kgwetlho e tona e ba kopanang le yone ke gore baikopedi ba le bantsi ga ba kwale diaterese sentle mme makwalo a bone a felela a boile kwa posong.
Fa a bua ka lenaneo la ESP mogolwane go tswa kwa ofising e e itebagantseng thata le lenaneo le, Mme Maty Moatshe o ne a tlhalosa gore lenaneo le le bogadi bo gaufi go tsosolosa itsholelo ka jalo ba ikiteye ka thupana go ka itshimolela dikgwebo gore ba tle ba le akole.
Mme Moatshe a re puso e lemogile gore temo-thuo, bojanala le madirelo ke tsone tse thata di ka tsisang maduo a a bonalang ka jalo puso e di beile kwa pele gore e nne tsone tse e ka kgonang go tsosolosa itsholelo ka tsone le go tlhabolola matshelo a batho.
A re maphata ka go farologana le a e seng a puso tota a eme ka dinao go bona gore ba ka dirang gore itsholelo ya lefatshe leno e tokafale.
O ne a ba rotloetsa go ema ka dinao go bona gore ba dirisa lenaneo le ka le na le dingwaga di le tharo fela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Mahalapye
Event : Thuto puisano
Date : 01 Mar 2016






