Ba re go boelwe mo ngwaong
01 Mar 2016
Banni ba Shoshong le metse e e mo tikologong ba re gore Batswana ba kgone go gatela pele, go botlhokwa gore ba ikgakologelwe.
Ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo e e tlaa dirisiwang go bopa tebelopele ya 2036.
Dibui ka bontsi di ne tsa gatelela botlhokwa jwa go busetsa tiriso ya ngwao mo tsamaisong ya mehama e e farologaneng go akarediwa kgodiso ya bana. Ba re ka bana e le bone babusi ba kamoso, go matshwanedi gore ba godisiwe sentle go remeletswe thata mo ngwaong.
Mongwe wa dibui, Rre Segolame Sejakgomo o ne a tlhatswa mogopolo o ka go fa sekai ka botshelo ja gagwe.
A re ene mo bosimaneng ba gagwe, o ne a godisediwa mo ngwaong, a anywa dithuto tsa botshelo jwa Setswana mo go rraagwe, jaaka go tlhokomela leruo le go tlamela lelwapa.
Ka jalo he, o ne a gakolola gore e re le ntswa dinako di fetogile, nako e santse e le teng go ka ruta bana ngwao, a bua gore, “thuto ya ngwao e ka tswakanngwa le ya sekole, batsadi kwa malwapeng ba tseeletsa fa barutabana ba emeng teng kwa sekoleng.”
Mme Galesenyege Mosotho o ne a tlatsa mafoko a ga Rre Sejakgomo ka gore ngwao e pataganngwe le tumelo ya sekeresete mo kgodisong ya bana, go lebilwe gore Botswana ka e le lefatshe la sekeresete, e bile le Baebele mo lokwalong lwa ga Diane e bua gore ngwana a godisediwe mo ngwaong le mo tumelong. Ba re kgang e nngwe e e amanang le ngwao e e tshwanetseng go emelwa ka dinao ke ya bogosi, jo ba tlhalositseng fa bo ole seriti le go amogwa dithata ka bontsi, selo se se dirang gore bogosi bo nne lolea le go sa tsewa tsia.
Go laola matimela go supilwe fa e le nngwe ya dithata tse di amogilweng dikgosi, ka mo nakong ya gompieno matimela a laolwa ke khansele. Ba buile gore mosola wa matimela e ne e le go dirisiwa go tlamela morafe jaaka fa go na le diphuthego tsa kgotla le baeng, go fepa bomme le borre ba ba ileng go rupa, mme mo nakong ya gompieno bojale le bogwera ga di yo ntateng ya tlhaelo ya ditsompelo.
Ba re dithata tsa go busa morafe le go atlhola ditsheko le tsone di fokoditswe, mo godimo ga moo boramelao ba sesha ba kgona go sekisa dikgosi, mme go rarabolola matshwenyego a, dikgosi di tshwanetse tsa busediwa dithata tsa tsone. Mo go tsa seemo le boleng ja Batswana, batsaya karolo mo phuthegong ba re ba eletsa gore ka ngwaga wa 2036, Motswana e bo e le motho yo o ipelang ka segagagwe mo go itshupeng ka kapari le puo.
Fa a akgela mo mogopolong o, Rre Goodwill Tladi o ne a re go ka itumedisa go bona dipuo tsotlhe tsa lefatshe leno di rutwa kwa dikoleng, gore Batswana ba nne le tshosologo ya go di ithuta, go na le go remelela mo puong ya Setswana e le nosi fela.
Mo mohameng wa itsholelo, Re Rabangwe Leadika, o ne a tswa ka mogopolo wa gore, e re ka go itshupile gangwe le gape gore mhama wa tsa meepo o tshabelelwa ke go wa, a supa fa e bulwa e bo e tswalwa morago ga nakwana, go ka nna botoka fa go ka ya go tsewa malebela le dikitso kwa ntle jaaka kwa Aferika Borwa.
A re go bonala fa Ma-Aferika Borwa a na le botsipa fa go tla mo tsamaisong ya meepo, a a fa sekai ka gore Batswana ka bontsi ba berekile kwa meepong ya lefatshe leo dingwaga tse dintsi tse di fetileng, mme le gompieno e santse e itshetletse.
E re ka thuto e le nngwe ya mehama ya botlhokwa, e mo nakong ya gompieno e gomagomediwang ke go wela tlase go lebilwe maduo a bana, banni ba kopile gore go na le go goboka bana ba ba sa dirang sentle ba fetisediwa kwa dikoleng tse dikgolwane, go ka nna botoka fa go ka lebelelwa bokgoni ja bana.
Rre Leadika o ne a gakolola gore go lebiwe se ngwana a se kgonang, a re fa e le gore ngwana o kgona tiro ya diatla, go remelelwe mo go yone, go na le gore a tswelele le dithuto tse dingwe le ntswa di mo palela.
Lekoko le ne le beile pele phuthego dintlha tse tharo go ba segela tsela ya go ntsha megoplo e leng gore; ba eletsa go bo go agile Botswana yo o ntseng jang ka 2036, go akarediwa dikgang tsa tumelo, semoya, ngwao, itsholelo, tsamaiso ya merero ya puso le dikgang tsa tlhabololo ya matshelo a batho le gore Motswana e bo e le motho wa setho le seemo se se ntseng jang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boitsepo Setogile
Location : Shoshong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Mar 2016






