Breaking News

Matlotla a rotloetsa borukutlhi

29 Feb 2016

Kgosana ya kgotla ya Konyana kwa Mahalapye, Rre Nelson Dipatane, a re ga a jesiwe diwelang ke matlotla a a fa gare ga motse.

Fa a bua mo potsolosong bosheng, Rre Dipatane o tlhalositse fa matlotla a a fa gare ga motse a dirisiwa ke dilalome go iphitlha mo go one bosigo gore ba kgone go amoga setshaba ditsabone fa ba feta gaufi le matlotla ao.

Kgosana Dipatane o tlhalositse fa matlotla a oka kgotlelesego ya tikologo ka gore batho ba felela ba thapologela mo go one ka ntlha ya tlhaelo ya matlwana a boitiketso a setshaba kana ka ntlha ya gore batho ba a bo ba sena madi a go duelela go dirisa matlwana a boitiketso.

O kaile fa mokgwa wa go thapologela mo matlotleng o atile thata mo kgotleng ya gagwe ka gore o gaufi le toropo. 

O boletse fa a ise a utlwe gotwe mongwe o kile a tseelwa dikgato ke ba molao morago ga go fitlhelwa a ithusa mo matlotleng.

O tlhalositse fa ba tle ba bue ka mathata a ba a tsisediwang ke matlotla a a fa gare ga motse e le bogosi jwa Mahalapye mme go fitlha gompieno ga ba ise ba tseye tshwetso ya gore go diriwe eng ka matlotla ao. Le fa gontse jalo Kgosana Dipatane o tlhalositse fa a ise a ikopanye le ba botsogo go ba tsibosa ka kgotlelesego ya tikologo e e diragalang mo kgotleng ya gagwe.

O boletse fa a na le maikaelelo a go ikopanya le beng ba matlotla a a fa gare ga motse go batla tharabololo ya seemo sa kgotlelesego ya tikologo le dilalome tse di iphitlhang mo matlotleng bosigo di emetse go amoga setshaba ditsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 29 Feb 2016