Go ikgatholosa go bala ke go ikepela lemena
29 Feb 2016
Go ikgatholosa go bala mo go atileng mo Batswaneng go digetse batho ba le bantsi ka lemena.
Go tlhalositse jalo Mme Motshidisi Makhurutha, morulaganyi wa mokgatlho wa Botswana Society for the Arts, mo dithutong puisanong tse di neng di tshwaretswe kwa ntlong ya ditso kwa Maun bosheng.
A re se se ngomolang pelo le go feta, ke gore gantsi ditaelo kgotsa ditlamorago tsa ditumalano, di a bo di papametse mo mokwalong mme motho ene ka boitseme, a saenele ditumalano tseo kwa ntle ga go ipha sebaka sa go bala le go tlhaloganya.
A re mo dikgannyeng tsa mofuta oo, batho bangwe ba felela ba jelwe ntsoma ka ntata ya go sa saleng morago ditumalano.
A re go dira jalo ke go ithekisa ka motho a ka tlhoka kwa a ka lelelang teng fa go le maswe ka o a bo a setse a itlhabile ka thipa mpeng.
O tsweletse a tlhalosa fa go atile mokgwa o mongwe o le one a tlhalositseng fa o le diphatsa mo matshelong a batho ka bontsi.
A re ka metlha mengwe,cditumalano di dirwa ke bobedi kwa ntle ga mokwalo ope kgotsa sesupo sepe sa gore go dumalanwe kae, leng, jang le gone fa go reng.
Mme Makhurutha o tlhalositse fa mo dikgannyeng tsa mofuta oo, go felela go nna le dikgotlhang fa mongwe a tlhanogela ditumalano.
O gakolotse setshaba go ikanya mokwalo go itsa diemo tse di atileng tsa bo nkgata ke tlhaname.
Le fa go ntse jalo, Mme Makhurutha o tlhalositse fa maiteko a bone ba a tshwaraganetse le European Union.
A re maiteko a, a runtse morago ga gore ba tlhotlhome le lefatshe go lekola badiragatsi.
A re dipatlisiso tsa bone di ile tsa ba lemotsha fa go tlhaela go le gontsi mo badiragatsing ba lefatshe leno go tokafatsa seemo sa bone.
“Maikaelelo a rona ke go ba gakolola le go tlhatlhelela badiragatsi gammogo le go ba buelela mo dikgannyeng tsa bone.”
A re gape ba tlhatlhelela badiragatsi ka mokgwa o o faphegileng o akaretsa go baya mekwalo yotlhe ya tiro, go boloka madi, go dirisanya le bareki gammogo le gone go ithuta go ipheleletsa go dira dilo tsa tlhwatlhwa tse di ka kgatlhisang leitlho.
O tladitse gape gore go somarela nako le gone ke konokono mo go ntsheng maduo a se modiragatsi a se dirang.
Le fa go ntse jalo, badiragatsi le bone ba ne ba phophoma ka boitumelo ba tlhalosa fa ba lebogela dithuto tseo.
Modiragatsi wa poko yo le ene a neng a tshologetse pitso, Mme Precious Molatedi yo o tumileng thata ka go bitswa QuinDiva, o galaleditse dithuto tse a di akotseng.
A re dithuto sekadipuisano tseo di ba fatlholotse fela thata ka ba ne ba sa tlhaloganye dilo ka bontsi.
A re e le mmoki, o ne a sa itse fa a na le tshwanelo ya go tseela motho dikgato fa a dirisa tiro ya gagwe ka bofafalele kwa ntle ga tetla ya gagwe.
A re jaanong e le modiragatsi, o a itshepa fela e bile a tlhalosa fa a tlaa tiisa poko ya gagwe ka go dirisa dithuto tse a di bapetseng mo dithutong tseo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagisitse Dioka
Location : Maun
Event : Thuto puisano
Date : 29 Feb 2016






