Breaking News

Ba eletsa dikgosi di ka okeletswa dithata

29 Feb 2016

Banni ba Mokubilo ba re ba batla gore ka ngwaga wa 2036 dikgosi di bo di filwe dithata tsa go laola morafe le kabo ya lefatshe.

Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo ee agang tebelopele ya 2036.

Kgosi Botshabelo Dijeng a re o eletsa  gore dikgosi di fiwe dithata tsa go laola merafe ya metse ya bone, le gore ba nne le seabe mo kabong ya lefatshe le ditlamelo. A tswelela  ka gore bana ba rutwe go bua diteme tsa bone kwa malwapeng.

Rre Lawrence Chibani a re Batswana ga ba ise ba bopagane ka jaana ba santse ba na le semorafe, a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a akola Botswana jwa gagwe. 

A re gago ise go lekane mo thutong ka jaana go santse go na le Batswana bangwe ba ba sa itseng mosola wa thuto. 

Mme Boitshwarelo Masole a re tebelopele ya 2016 e boelediwe ka gore dilo di le dintsi ga di a kgonega. 

A re go tshwanetse ga agiwa motho pele gore a tle a kgone go itlhabolola, a tswelela ka gore Batswana ba tlhaela kitso ka gore ga ba tsene diphuthego tsa kgotla.

Mme Catherine a re o eletsa  gore ka 2036 thuto e bo e  tlhabolotswe go tswa kwa moding, go na le ditlamelo tsa dithuto tsa diatla, metshameko, meopelol e maranyane mo dikoleng tse dipotlana. 

A tswelela ka gore lehuma le santse le le lentsi  le gore batsadi ba rute bana dingwao tsa bone.

Mme Baikgantshi Gakethata a re o eletsa gore ka ngwaga wa 2036 Batswana ba bo ba na le bonno jo bo siameng, ba rutegile,a tlatsa ka gore fa bana ba sa pasa ba seka ba fetisiwa fela,le gore batho ba ikanye Modimo.

Rre Dendo Masungwa a re tebelopele ya 2016 ga e a kgonega, ga go na ditiro, a re temo le yone e a pala ka lebaka la lewapi, a bo a re thuto e tlhabololwe.

E rile fa a soboka megopolo ya bone, Dr Lemogang Kwape a re ba re bogosi  bo fiwe dithata tsa go laola merafe ya tsone le go tsamaisa ngwao, ba fiwe  ditlamelo, le gore ngwao e simolole kwa malwapeng.

Gape ba re ba batla gore ka ngwaga wa 2036 go bo go na le popagano, tekatekano, le gore lefatshe le abiwe ka tekatekano, thuto e tokafadiwe. Gape ba re  Motswana o na le seriti fa a na le bonno jo bo siameng, le fa a dule mo lehumeng.

Dr Kwape a re ba re ba eletsa gore   ka 2036 ba bo ba  itshetsa ka temo-thuo le gore tikologo e somarelwe ka go aga matlwana a boitiketso. E rile a leboga lekoko  leo, mothusa kgosi wa motse oo, Kgosi Badigeng Resetse a re banni ba Mokubilo ba nnile le seabe mo go ageng tebelopele ya 2036 ka jaana ba ntshitse megopolo ya bone, a re selo se se supa fa puso ya lefatshe leno e na le therisano. 

Kgosi Resetse  a re o eletsa gore ka 2036 barui ba ba botlana ba kopane mme ba agelele mahudiso go leka go hema seemo sa dikgomo tse  di gobeyang mo ditseleng  tse di bakang dikotsi tsa tsela le gore balemi-barui ba fiwe dithuto tsa temo-thuo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Feb 2016