Tshwaragano e ka thusa go emisa lehuma
29 Feb 2016
Mothusa tona wa Ofising ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Dikgang Makgalemele, a re tshwaragano ke sengwe sa dilo tse di ka thusang lefatshe go fitlhelela maikaelelo a lone a go nyeletsa lehuma.
Rre Makgalemele, yo o ntshitseng thotloetso kwa phuthegong ya khansele ya Bokone Botlhaba bosheng, o supile fa go le botlhokwa thata gore ba-na-le-seabe botlhe ba goge mmogo go fetola toro boammaaruri.
A re e re ka lehuma ka bolone e le selo se se botlhoko mme e bile se sena maduo ape a mantle mo matshelong a bao ba amegileng, lenaneo la nyeletso lehuma le tshwanetse la emelwa ka dinao go inola Batswana ba ba aperweng ke lehuma le le feteletseng mo manokonokong a botlhoki.
Mothusa tona o supile fa sengwe se se tshwanetseng sa kgaratlhelwa go fitlhelela maikaelelo a lenaneo le e le go tlhabolola thuto ya lefatshe leno.
A re thuto ke nngwe tsela e e papametseng ya go tlhabolola botshelo jwa motho; a bolela fa mo nakong eno Batswana ba le bantsi ba ba goletseng mo malwapeng a a humanegileng ba kgonne go fetola seemo kwa magabone morago ga go amogela lesedi la thuto.
Rre Makgalemele a re go bo puso e tsweletse ka go segela mhama wa thuto serwe se segolwanyane mo kgaoganyong ya madi a setshaba ka go tlhatlologana ga dingwaga ke go bo e lemoga seabe se thuto e ka nnang le sone mo go goroseng lefatshe leno kwa maikaelelong a lone a go nyeletsa lehuma.
O rotloeditse bagogi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba go rotloetsa batsadi go ema bana ba bone le barutabana nokeng, se e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko gore ba kgone go ntsha maduo a mantle.
Fa a ama ntlha e nngwe e le yone a boletseng fa puso e e tseela kwa godimo, mothusa tona o ne a tlhalosa fa dikgang tsa botsogo le tsone di sa tshwanela go ka ikgatholosiwa.
A re go botlhokwa gore setshaba se tshele se itekanetse; a supa fa go tshela ka botsogo jo bo sa iketlang go ka baka kgotsa ga gakatsa manokonoko a lehuma.
Rre Makgalemele o ne a tlhalosa gore e re le mororo go na le dikgwetlho di le mmalwa tse go lemotshegileng fa di ama go diragadiwa ka thelelo ga lenaneo la nyeletso lehuma, se ga se a tshwanela go kgoba ba-na-le-seabe marapo; mme se tshwanetse sa ba gwetlha go batla ditsela tse ka tsone ba ka tilang dikgoreletsi tse ba kopanang le tsone ka teng.
A re kgang e tshwana le tlhaelo ya dikoloi e ka tsibogelwa ka go dira ditiro dingwe tsa lenaneo leo ka mafelo a beke ka bontsi jwa maphata bo a bo bo sa dirise dikoloi tsa one.
A re go arabela selelo sa tlhaelo ya bodiredi jo bo tsamaisang lenaneo leo, lephata la gagwe le kopile la phiro ya badirelapuso go kaba diphatlha tse maphata a a amegang a nang natso fa maphata a go nna jalo a goga dinao go dira jalo.
Go sale foo, Rre Makgalemele o ne a akgolela kgaolo ya Bokone Botlhaba pego ya gore e tlaa re mo nakong e khutshwane go tshwarwe dithuto thutano go betla maele a gore badiragatsi ba lenaneo la nyeletso lehuma ba ka bereka jang go tokafatsa go ntsha maduo a a eletsegang.
A re thulaganyo eo e tlaa thusa thata go tlhomamisa gore ditiro tsa lenaneo la nyeletso lehuma di dirwa ka nako le ka botswerere mo kgaolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Masunga
Event : Phuthego ya khansele
Date : 29 Feb 2016






