Breaking News

Ipelegeng e tsisitse ditlhabololo kwa Mantshwabisi

29 Feb 2016

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Mantshwabisi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re Ipelegeng e tsisitse ditlhabololo tse ba di tlhokang.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Mohebetsane Tsiang, a re dingwe tsa ditlhabololo tse ba di solofetseng ka Ipelegeng ke lebotana la kgotla, go agelela mabitla le go aga ntlwana ya modisa dikago kwa kokelwaneng ya motse. A re ditlhabololo tseo ke dingwe tsa tse ba sa bolong go lela ka tsone.

O supile fa modisa dikago a ne a nna fela mo sebatleng mme ka dinako tsa dipula go sena fa a tshabelang teng. A re ditlhabololo tse di supa kgatelo pele mo maitekong a bone a go leka go tlhabolola motse wa bone bogolo jang ka morafe o ba romile ka go ba tshepha.

O bile a supa fa go agelela kgotla go tlaa e fa seriti ka go tlaa itsa gore e ralalwe ke bafeti ka tsela. Rre Tsiang o kaile fa dikgwetlho tse ba di itemogelang e le mosuke ka nako ya phiro mme a supa fa se se dirilwe ke go tlhoka go lema ga batho ka bontsi.

O bile a supa kgwetlho e nngwe e le tiego ya dituelo tsa babereki ga mmogo le didirisiwa di tshwana motlhaba, a kaya fa se se dia tiro.
O tsweletse ka go supa fa bontsi jwa batho ba ba sa berekeng e le banana mme a ba gakolola go inaakanya le mananeo a puso go intsha mo lehumeng ga mmogo le gone go tlhamela bangwe ka bone mebereko.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 29 Feb 2016