Breaking News

Monana o ipelafatsa ka poko

29 Feb 2016

Talente e ka tlodisa ba le bantsi melatswana.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mmoki wa monana yo o tlholegang kwa Kudumatse mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, Rre Phefo Phefo a re poko e dirisiwa mo mafatsheng a Africa ka bontsi go boka bo tautona le dikgosi go supa botlhokwa jwa bone mo setshabeng.

A re poko e ka natetsha meletlo gape e ka dirisiwa go gasa molaetsa ka dikgang tse di amang setshaba ka kakaretso. O boletse fa a simolotse go ithuta poko kwa madisong, go gangwa go neelwa dikgomo di bokwa mme a nna le kgatlhego e ntsi.

Rre Phefo o galaleditse thata thulaganyo ya dipina le maboko ya Radio Botswana, a e mo agile thata fa a ntse a itlhokoletsa poko. O supa fa poko ya ga Ponatshego Mokane, Sekokotla Kaboeamodimo, Ratsie Setlhako le Moroka Moreri le tsone di mo oketsa magale ka metlha.

A re poko e ne ya mo rotloetsa thata go rata ditso tsa Batswana, mme a eletsa go itse ka mephato.
“Ntatemogolo e ne e le Lelekantwa, mme ka eletsa thata go itse ka mephato,” a tlhalosa.

A re kgatlhego ya go itse ka ditso le ngwao ya Setswana e ne ya mo gwetlha go tsepama mo pokong, mme ya mo thusa go tlhaloganya botshelo jwa Setswana bobe.
Rre Phefo a re go tswa Kudumatse o ne a ya kwa sekoleng se segolwane sa Lotsane, kwa a ileng a boka mme a supa fa a nnile le thotloetso e ntsi go tswa mo barutabaneng ba a supang ka boipelo fa ba mo rotloeditse thata.

O boletse fa gompieno e le mogwebi, mme a re le jaana o santse a tshwere ka thata mo mhameng wa setso wa poko.

Mmoki o bolela fa a nna a lalediwa go boka mo medirong e e farologaneng ya maphata a puso le a a ikemetsang ka nosi.
“Botshelo jwa Setswana ke jone bo dirang gore o ikitse, gape poko yone ke tsalwa le yone, ka yone ka re semonate se ingwaelwa, goora motho go thebe phatshwa,” a tlhalosa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Kudumatse

Event : Potsolotso

Date : 29 Feb 2016