Tebelopele motheo wa ditogamaano
28 Feb 2016
Leloko la lekoko le le romilweng ke Tautona, Dr Alfred Tsheboeng, a re tebelopele ke yone motheo wa ditogamaano tsa lefatshe.
O buile jalo kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le romilweng ke Tautona go rerisa Batswana le go tsaya megopolo mabapi le tebelopele ya 2036 kwa Mosu ka Labobedi.
Dr Tsheboeng a re puso e leka bosigo le motshegare go fokotsa lehuma la nta ya tlhogo, go bopaganya batho le go fokotsa borukutlhi.
Mongwe batsena phuthego, Rre George Batsoseng, a re o eletsa gore ka ngwaga wa 2036 , Batswana ba bo ba tlhabologile botlhe, ditlamelo tsa botsogo di le gaufi e bile ditlhabololo di akaretsa Batswana ka go lekana.
Mme Goyamang Abofilwe ene o eletsa gore motswana mongwe le mongwe a bo a na le setho se se amogelesegang, ngwao e tsosolosiwe, Batswana ba ithute diteme ka go farologana, ba ithute ditiro tsa diatla, itsholelo e dirisiwe sentle, puso e bo e tswelele e rerisa batho.
Rre Gosekwang Tsapo a re o batla gore ka 2036 kgokgontsho ya bana le bomme e bo e seo, bojalwa le jone bo emisitswe, batho ba tsena dikereke go anya dikitso le gore sepolotiki e bo e le se se agang ditlhabololo tsa motse,
Kgosi Phillip Kopano a re ene o batla gore ngwao e bonale e simololwe ke bogosi , a re ntlo ya dikgosi e bo e dirisa puo ya Setswana ka 2036, go bo go atolosiwe maranyane a ditlhaeletsanyo.
E rile a soboka megopolo, mongwe wa lekoko leo Kgosi Maruje Masunga a re ba batla gore ditsela di bo di siame, motse o na le moalo bojanala bo tlhabolotswe, boranyane bo rutiwa kwa dikoleng tse di potlana, setshaba se tlhabologile se na le bonno, go na le ditiro, dikgosi di filwe dithata e bile ba eteletse pele ngwao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego
Date : 28 Feb 2016






