Breaking News

Ba gakololwa go inaakanya le LEA

28 Feb 2016

Mogolwane wa Local Enterprise Authority (LEA) kwa Molepolole, Rre Lesedi Ngakane, o gakolotse banni ba Takatokwane go ikgolaganya le LEA go tsaya bogakolodi le boitseanape jwa go tsamaisa kgwebo. 

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Ngakane a re dikgwebo tsa Batswana bangwe di a phutlhama ka ntlha ya go tlhaela kitso ya go tsamaisa kgwebo. 

A re lekalana la bone le itebagantse le go rotloetsa dikgwebo tsa lefatshe leno gore di kgone go itsetsepela ka go fa bagwebi bogakolodi le ithutuntsho ya ka fa ba ka di tsamaisang ka teng. 

A re le fa motho a na le keletso ya go dira kgwebo mme a sena kitso, o ka etela ofisi ya LEA go ya go kopa dithuso. 

A re le ntswa ba sa thuse bagwebi ka madi, ba thusa ka go dira dipolane tsa kgwebo gore motho a kgone go bona dithuso tsa madi, a re gape fa mogwebi a setse a kgonne go bona madi ba ka mo thusa gore kgwebo e emelele e bo e itshetlele. 

A re puso e ntshitse mananeo a le mmalwa a a akaretsang la banana le la lephata la bong a a fang Batswana sebaka sa go itshimololela dikgwebo, mme a re bangwe ba re ba kgobiwa marapo ke go ikopela dithuso tse ka ntlha ya gore ga ba kgone go tlatsa difomo tsa ikopelo ka ba sa di tlhaloganye. 

A re lephata la bone le ka ba tswa thuso mo dikgannyeng tseo. 

Go ntse go le foo, Rre Ngakane o gwetlhile banni go tsaya kgato go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le gone go dirisa mananeo a a farologaneng a ba a tlhametsweng ke puso a tshwana le la nyeletso lehuma. 

Mogakolodi wa tsa kgwebo go tswa kwa lekalaneng leo, Mme Kebalepile Lesego o ne a tlhalosa fa kgwebo e tlhokana le motho yo o nang le maikemisetso e bile a le pelotelele, a kaya fa go na le nako e kgwebo e tsholetsegang le nako e e welang kwa tlase. 

Mme Lesego o tsweletse a ruta gape ka tsa ipapatso, a supa fa dinako tse dingwe o kgona go fitlhela mogwebi a dira dilo fela tse di jesang matlho monate, di kgatlhisa mme a bo a palelwa ke go ipapatsa mo go felelang fa gongwe kgwebo e phutlhama.

 Banni ba motse oo ba ne ba lebogela ba LEA go tsaya matsapa a go ba etela go ya go ba thusa ka lesedi la go tsamaisa kgwebo. 

Mme Kgalalelo Selagaboy o ne a supa gore banana bontsi jwa nako ba goga dinao go ikopela mananeo ka ntlha ya go tlhaela kitso ka tsa kgwebo, mme a supa fa ba ne ba nyoretswe dithuto di tshwana le tsa LEA.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Feb 2016