BITC e rotloediwa go thusa bagwebi botlhe
21 Feb 2016
Makhanselara a kgaolo-potlana ya Mahalapye a kopile Botswana Investment for Trade Centre (BITC) go rotloetsa bagwebi botlhe.
Ba buile jalo morago ga gore moemedi wa lekana leo, Rre Reginald Selelo a lekodise makhanselara ka lekana le.
Ba re BITC e tshwanetse go rotloetsa le go oka bagwebi botlhe gammogo le ba ba mo lefatsheng leno e seng gore ba rotloetse ba ba tswang kwa ntle fela.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu, a re lekalana le e kare le itebagantse fela le go okela bagwebi mo lefatsheng go na le go rotloetsa le ba bangwe ba bannye ba ba mo lefatsheng gore le bone ba gole.
Rre Molamu a re go na le Batswana ba le bantsi ba ba mo dikgwebong ba na le dikitso le boitseanape mme le bone ba tlhoka thotloetso e ntsi fela thata.
O ne a kopa BITC go gakolola puso fa go tla mo go tsa kgwebo gore e ka dirang jang go rotloetsa dikgwebo mo lefatsheng leno, a tlatsa ka gore kgang ya go tlhaela ga motlakase e baya bagwebi ka fa mosing.
A re ba tshwanetse go gakolola puso ka maele a a ka tlhofofaletsang puso ditiro go okela bagwebi le go rotloetsa ba bangwe ba ba mo lefatsheng.
Rre Mothusi Sedimo wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami a re go bonya go kwadisa khamphani bogolo jang thata mo kgaolong ya Legare ka bagwebi ba tswanelwa ke go ya kwa Serowe kwa go nang le diofisi teng.
Rre Sedimo a re puso e tshwanetse go ela se tlhoko gore dikgwebo di ntsifale mo lefatsheng batho ba tle ba bone ditiro.
Mokhanselara Tumelo Koolekanye wa kgaolwana ya Boseja/Flowertown ene o ne a kopa lekalana le go buisana le puso go tlhofofatsa melao e e okelang bagwebi mo lefatsheng.
Rre Koolekanye a re bagwebi ka bontsi ba felela ba itsapa mme ba fetele kwa mafatsheng a mangwe ka go tsaya lobaka go ka simolola kgwebo mo lefatsheng leno.
Mokhanselara Baemedi Kuduman wa Makwate/Taupye, le ene o ne a kopa lekana le go itebaganya le bagwebi botlhe ka tekatekanyo le ba ba mo lefatsheng leno ka le bone ba ka tlhabolola dikgwebo tsa bone.
Rre Kuduman o ne a tlhalosa fa bagwebi ka bontsi ba ba okelwang mo lefatsheng leno ba sa tshwaragane le Batswana ka jalo a kopa ba lekana le gammogo le puso go sekaseka kgang e.
E ne e rile go le pele, Rre Selelo a tlhalosetsa makhanselara gore lekalana la bone tiro ya bone ke go oka bagwebi ba ba tswang kwa ntle le ba ba mo lefatsheng.
Rre Selelo o ne a re ba tshwaraganya gape bagwebi ba ba mo lefatsheng le bagwebi ba ba kwantle go leka go godisa dikgwebo tsa bone ka dikitso le boitseanape jo ba nang le jone.
A re Botswana o phadisanya le mafatshe a mangwe mme ka jalo e le ba BITC ba ikaeletse go godisa dikgwebo tsotlhe fela.
A re sebe sa phiri ke gore lefatshe le bulegile go le kae go oka bagwebi, a melao ya khiro e motlhofo kgotsa a go na le ditlamelo tse ka tsone bagwebi ba ka di kgatlhegelang fa ba setse ba tswa kwa ntle ba batla go dira dikgwebo mo lefatsheng.
Rre Selelo a re bagwebi ba lebelela dilo di le dintsi, di akaretsa motlakase, dipatela, metsi, dikole le tse dingwe tse di ka dirang gore ba kgatlhegele lefatshe.
A re mme ka se puso e ne ya dira lekalana la bone go fa bogakolodi le go bona gore go ka dirwa eng gore bagwebi ba seka ba itsapela go dira dikgwebo mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Teodiso
Date : 21 Feb 2016






