Breaking News

Tsiang o itumelela Ipelegeng

25 Feb 2016

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mantshwabisi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng a re lenaneo la Ipelegeng le thusitse go tlhabolola motse wa bone.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Mohebetsane Tsiang o tlhalositse fa dingwe tsa ditlhabololo tse ba di solofetseng ka Ipelegeng e le lebotlana la kgotla, go agelela mabitla le go aga ntlwana ya modisa dikago kwa kokelwaneng.

A re ditlhabololo tseo ke dingwe tsa tse ba sa bolong go lela ka tsone.

O supile fa modisa dikago a ne a nna fela mo sebatleng mme ka dinako tsa dipula go sena fa a tshabelang teng. A re ditlhabololo tse di supa kgatelo pele mo maitekong a bone a go leka go tlhabolola motse wa bone bogolo jang ka morafe o ba romile ka go ba tshepa.

O bile a supa fa go agelela kgotla go tla e fa serite ka go tla itsa gore e ralalwe ke bafeti ka tsela.

Rre Tsiang o kaile fa dikgwetlho tse dingwe di akaretsa mosuke ka nako ya khiro mme a supa fa se, se dirwa ke go tlhoka go lema ga batho ka bontsi.

O bile a supa kgwetlho e nngwe e le tiego ya dituelo tsa babereki ga mmogo le didirisiwa di tshwana motlhaba, a kaya fa se se dia tiro.

O tsweletse ka go supa fa bontsi jwa batho ba ba sa berekeng e le banana mme a ba gakolola go inaaakanya le mananeo a puso go iketsha mo lehumeng ga mmogo le gone go tlhamela bangwe ka bone mebereko.

O bile a kaya fa go tsena sekolo go le botlhokwa e bile motho a ka kgona go bona tiro ya sennela ruri go na le go bereka ipelegeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Feb 2016