Khansele e tswa ka megopolo ya 2036
25 Feb 2016
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a dule ka megopolo e e farologanyeng ya gore ba eletsa go bona lefatshe leno le ntse jang ka ngwaga wa 2036.
Ba ntshitse megopolo mo phuthegong ya khansele fa lekoko le le romilweng ke Tautona go bopa tebelopele ya 2036 le ne le ba etetse ka Labobedi.
Rre Mpho Balopi, yo e leng leloko la lekoko le, o ne a tsaya sebaka go tlhalosetsa makhanselara le badirelapuso gore e re ba ntsha megopolo le dikakanyo ba itse gore megopolo e, e ya go thusa go aga lefatshe la Botswana.
Bontsi bo ne jwa supa fa bo tshwentswe ke kwelotlase ya thuto.
Ba re ba eletsa gore ka ngwaga wa 2036 bana ba simolole dikole ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase, go thusa gore ngwana a tlwaele e bile a itse bomosola le boleng jwa thuto a sale mmotlana.
Ba supile gape fa ba eletsa gape gore go agwe dikole tsa ditiro tsa diatla di le dintsi mo lefatsheng go thusa bana ba ba sa kgoneng go dira sentle mo dithutong.
Makhanselara a re a eletsa gore ka ngwaga wa 2036 dikole di kgaoganngwe, go nne le tsa basimane le tsa basetsana ke gone gongwe bana ba ka kgonang go laolesega ba bo ba ntshe le maduo a a botoka e bile a nametsa.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, Rre Elias Mbonini, a re baithuti ba rutwe ka diteme tsa bone kwa dikoleng, a supa fa se se ka tokafatsa maduo fela thata ka bana ba ka tlhaloganya botoka.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Matlhodi Modisapodi, o boletse fa ene a eletsa gore e re ka ngwaga wa 2036 go fedisa boimana go letlelelwe ka fa molaong.
Mme Modisapodi a re go tlhomola pelo go bona banana ba tshola bana mme ba sena se ba itshetsang ka sone.
O boletse fa se se ka fokotsa dipalo tsa dikhutsana mo lefatsheng leno sa ba sa imolola bomme mokgweleo wa go mekamekana le boimana jo bo sa rulaganyediwang.
A re go letla go fedisiwa ga boimana ka fa molaong gape go ka itsa dintsho tsa bana ba basetsana ba ba lekang go ntsha boimana mo go sa babalesegang mme se, se felele se gapile matshelo a bone.
Mothusa modulasetilo wa khansele eo, Rre Dikitso Mandevu, o ne a akgola makhanselara go bo ba ntshitse megopolo ya bone ka botlalo e bile e tlhapile sentle, a bo a leboga le lekoko la tebelopele ya ngwaga wa 2036.
Rre Mandevu, yo a leng mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane o ne a supa fa a solofela gore lekoko le kokoantse megopolo yotlhe e le e tlhokang go ntsha bukana ya tebelopele ya ngwaga wa 2036. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Uendjitiza Chienda
Location : Masunga
Event : Phuthego Ya Khansele
Date : 25 Feb 2016






