Breaking News

Tlhalerwa o abela komiti ya ditlhabololo

24 Feb 2016

Mokwaledi yo o faphegileng wa ga Tautona, Brigadier George Tlhalerwa, o abetse komiti ya ditlhabololo tsa Shakwe  P10  000 go agela Rre Onkobile Galentloge ntlo.

O ne gape a ba neela setlankana se se ntshitsweng ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go lebogela komiti go nna le mowa wa kutlwelo botlhoko mo go ba ba  dikobo dikhutshwane.

Brigadier Tlhalerwa o abile madi ao mo modirong o mo go one a neng a abela Mme Grace Motshegwa ntlo ya kamore e le nngwe le ntlwana ya boitiketso tse a di agetsweng ke komiti ya ditlhabololo le badirelapuso ba ba direlang kwa Shakwe ka Labotlhano.

A  re go a itumedisa go bona Batswana ba tshwaragane le mmuso gammogo le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi go thusa Batswana ba ba sa ikgoneng ka go ba agela matlo a boroko ele tsela nngwe ya go tsosolosa seriti sa bone.

Brigadier Tlhaerwa a re e re ka Setswana se re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, ke sone se komiti ya ditlhabololo tsa Shakwe, morafe gammogo le badirelapuso ba kgonneng go thusana go agela Mme Motshegwa ntlo.

E rile Mme Gobonwang Ngakaemang a bua mo boemong jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, a bolela fa ba tsere tshwetso ya go agela Mme Motshegwa ntlo ka go lemoga fa ene le bana ba gagwe ba ba supang go sena fa ba latsang tlhogo teng, mo e bileng ba ne ba patelesega go kopa boroko mo baagisanying.

Mme Ngakaemang a re ka ntlha ya kemo nokeng ya mokhanselara, morafe le badirelapuso ke sone se ba kgonneng go diragatsa mogopolo wa go agela Mme Motshegwa mme a re o ka leboga go menagane fa batho ba Shakwe ba ka tswelela ka mowa wa tirisano mmogo le kutlwelo botlhoko.

Mo tirong eo, Brigadier Tlhalerwa o ne a tlhomamisetsa banni ba Shakwe fa a tlaa thusa ba lelwapa leo ka malao a le mabedi kgwedi eno e le masome a mabedi le bone.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Feb 2016