Dikereke di ka thusa go aga setshaba
24 Feb 2016
Monni wa Mogoditshane, Rre Buti Serokane, a re kgolo ya dipalo tsa dikereke e ka thusa go bopa setshaba se se tshelelang mo kagisong ebile se boifa tlolo molao.
E rile a akgela mo phuthegong ya go tsaya megopolo ya lekoko la tebelopele ya setshaba ya 2036 kwa Mogoditshane ka Mosupologo, o tlhalositse fa dikereke di kgona go betla le go aga motho ntlha e a reng e supafetse mo matshelong a batho ba le bantsi.
A re go ka dirisiwa dikereke go itepatepanya le seemo sa botlhoka tsebe jwa banana le go betla maitsholo a bone.
Mongwe wa banni, Rre Leratang Gofitile, o dule ka mogopolo wa gore seemo sa thuto se tlhabololwe ka go tsengwa ga dithuto tsa ngwao mo tsamaisong ya thuto.
Banni ba ne ba kopa lekoko go tsaa ntlha ya gore magosi a busediwe dithata tsa go aga metse ya tsone ba re se, se ka thusa go lwantsha tlolo molao.
Modulasetilo wa kgaolwana ya Tsolamosese, Rre Samuel Tlhotsapele, a re thuto e e di fetang tsotlhe ke ya gore batho ba rutwe go itirela ka go tlhomamisa kgolo ya madirelo a ditiro tsa diatla.
Mopalame wa kgaolo ya Mogoditshane, Rre Sedirwa Kgoroba, o kopile lekoko go rulaganyetsa bodirela puso jwa kgaolo eo diphuthego, go ba fa sebaka sa gontsha megopolo ka thulaganyo ya diphuthego tsa kgotla eba baya ka fa mosing ka ntlha ya dinako tse di tsenang ka tsone.
Rre Kgoroba o ne a kopa gore puso e tsee ka tlhwaafalo go diragadiwa ga pego ya ga Dr Ponatshego Kedikilwe ya tokafatso ya seemo sa thuto e le maikaelelo a go betlela bana tsela ya gonna le motheo wa thuto o o nang le boleng.
E ne e rile go le pele a rola thomo ya lekoko leo, mongwe wa maloko yo abileng a le monana Mme Gogontlejang Phaladi a gatelela botlhokwa jwa gotswa ka megopolo e e ka thusang lekoko go betla tsela ya toro ya Batswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Phuthego
Date : 24 Feb 2016






