Mokhanselara o kgalela banni go tlhopha diphuthego
23 Feb 2016
Banni ba Lerala ba kopiwa go tsena diphuthego tsa kgotla ka jaana go le botlhokwa go rerisanya ka dikgang tse di amang motse le go utlwa ka mananeo a puso.
Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopolwe Sebele, o boletse fa a sa jesiwe diwelang ke banni bangwe ba Lerala ba ba moriti o tsididi fa go tla mo go tseneng diphuthego tsa kgotla mme a supa fa seo se sa siama gotlhelele.
Rre Sebele o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Lerala bosheng.
O ne a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba latlhegetswe ke melaetsa e le mentsi e e botlhokwa ka mabaka a go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla gammogo le go tlhopha gore phuthego e buisiwa ke mang.
Ka jalo Rre Sebele o kaile fa a lemogile gore go sa tseneng diphuthego ke bolwetse jo bo wetseng Botswana ka kakaretso.
O ne a gwetlha banni go ikitaya ka thupana ka a re ke nako ya go aga motse mme se se ka diragala fela fa botlhe ba ka tsena diphuthego tsa kgotla.
Rre Sebele o rotloeditse botlhe go emela dikgang tsa motse wa bone ka dinao le go dira mmogo gore ditlhabololo di seka tsa ba tlola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : Lerala
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Feb 2016






