Breaking News

Bomme ba rotloediwa go ikemela ka dinao

23 Feb 2016

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi o rotloeditse bomme kwa Takatokwane go tlhagafalela go inaakanya le mananeo a a tlang ka thulaganyo ya lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP),.

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Batlhophi a re mo ESP go na le mananeo a a tshwanang le la ofisi ya merero ya tsa bong, le le itebagantseng le go thusa bomme ka madi gore ba ipulele dikgwebo.

A re bomme ba tshabelelwa ke go kokonelwa ke lehuma go na le borre, ke ka moo puso e tsweletseng ka go tla ka mananeo a a farologanyeng go leka go tlhatlosa matshelo a bone.

O supile fa baikopedi ba ka thusiwa ka madi a a ka tshwarang P100 000 go ya kwa godimo, go laola fela gore ba palo e e kae ka jaana ba kgona go kopa ka bongwe kgotsa ka ditlhophana.

Rre Batlhophi a re lenaneo le la ofisi ya merero ya bong le tsile ka nako e e lebanyeng, e bontsi jwa Batswana ba leng mo leshekereng le legolo la letlhoko la ditiro,  mme a re go mo maruding a bone gore ba ititeye ka thupana gore lenaneo le le tle le ba tswele mosola.

O ne a gatelela botlhokwa jwa gore Batswana ba nne pelo di telele fa ba kopa mananeo, ka ntlha ya gore ba kgona go lopiwa go tla ka mekwalo e le mmalwa.

O ne gape a tlhalosetsa ba ba setseng ba tsene dithuto tsa nyeletso lehuma mme ba ise ba abelwe dithuso go simolola dikgwebo, gore ba seka ba fela pelo ka jaana go santse go le mo dithulaganyong tsa gore ba thusiwe.

E rile ba tswa la bone, banni ba supa fa ba lemoga maiteko a puso a go tokafatsa matshelo, ba kaya fa a ba tlhatlositse. Ba ne gape ba lebogela baeteledipele ba bone go ba tlhatlhelela ka mananeo a puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Feb 2016