BMC e gwetlha baruakgomo go tsaa boikarabelo
23 Feb 2016
Mookamela matlhabelo a BMC, Dr Akolang Tombale, o gwetlhile baruakgomo ba kgaolo ya Zone 7 go bona gore dikgomo tsa bone di babalesegile fa di le kwa kwarantining.
Dr Tombale o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Bobonong bosheng.
O ne a tlhalosetsa baruakgomo gore ba bue le puso gore e neele Zone 7 tetla ya go ka tlhokomela kwarantine.
Dr Tombale o gwetlhile baruakgomo gore fa puso e ka ba dumelela ba ele tlhoko seemo sa terata gammogo le go bona gore leruo le na le metsi ka dinako tsotlhe.
A re kgaolo ya Zone 7 e na le dikgomo tse dintsi tse di ka rekisetswang matlhabelo a BMC mme kgwetlho ke bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo anamiswang ke go senyega ga terata e e kgaoganyang mafatshe a Zimbabwe le Botswana.
Dr Tombale o tlhalositse fa go na le dikgwetlho di tshwana bolwetse jwa mabele.
O boletse fa bolwetse joo e le sekgoreletsi go ka rekisa kwa European Union (EU) ka jalo a rotloetsa setshaba go aga matlwana a boitiketso merakeng, masimo le mo ditseleng e le tsela ngwe ya go sireletsa leruo la bone gore le seka la tsenwa ke bolwetse ja mabele.
O rotloeditse barui go rekisa leruo la bone le santse le nonofile ka tlhwatlhwa ya dijo e tsile go tura ka di se motlhofo go bonala mo mafatsheng a Botswana le South Afrika .
A supa fa di tlaa bonwa kwa Namibia,mme go na le kgonafalo ya gore ba tlhatlose ditlhwatlhwa.
O ba rotloeditse go tsenya leruo la bone manyena. Dr Tombale o boletse fa ka ngwaga wa 2012 ba tsile ka maranyane a go latedisa gore kgomo ke ya ga mang segolo jang fa e bonwe ka bolwetse kwa matlhabelong a BMC.
A supa fa bangwe ba kenta leruo la bone ka Dettol,mme ba tlhoka karabo fa ba lefatshe la EU le bona tiragalo eo.
Fa a tswa la gagwe modiri mo lephateng la BURS Mme Mollie Batshegi, o boletse gore morui o tlamega go ntsha lekgetho la 4% fa a rekiseditse BMC dikgomo. Mme Batshegi o kaile fa madi ao a lekgetho BMC e neela puso sephatlo sengwe sa one go tsamaisa lefatshe.
Fa Rre Galenyatsege Bathuseng a tlhalosa fa pilisi e ebidiwang ALBENDAZOLE e bolaya dibokwana mme e rekwa ka tlhwatlhwa ya P30.
Banni ba Bobonong ba supile fa BMC e tshwanetse go ba adima madi go na le gore ba adime madi kwa CEDA go leka go tlhabolola thuo ya bone.
Ba supile fa koporase ya Bobonong e tsile ka methale ya go rekisetsa barui manyena e le tsela ya go tsaya sekgele se se leele.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Dandane-Mabeleng kwa Bobonong, Rre Keoagile Ramatlotlo o supile fa matlhabelo a Francistown a sa dire sentle mme ba BMC ba dirile ditekeletso go bona gore ke a tswalwe kana a tswelele. A re ba BMC ba santse ba beile leitlho go bona seemo ka matlhabelo ao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : Bobonong
Event : Phuthego
Date : 23 Feb 2016






