Keikelame o kopa tirisano mmogo
23 Feb 2016
Kgosi Galekganelwe Keikelame wa Mogorosi kwa kgaolong ya Legare o ikuetse mo go beng ba leruo le balemi go nna le tirisano mmogo segolo bogolo ka nako ya temo.
Kgosi Keikelame o dirile boikuelo joo bosheng mo potsolotsong. O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke dipego tsa tshenyo ya leruo kwa masimong. A re mo nakong eno ba setse ba gatisitse dikgang tsa mofuta oo di le mmalwa.
Ka jalo a re go botlhokwa gore beng ba leruo le balemi ba dirisanye mmogo go tila diphapaang ga mmogo le go thoka kutlwisisano mo gantsi go nnang teng fa leruo le sentse kwa masimong. A re beng ba leruo ba tshwanetse go itse fa e le tshwanelo ya bone go le tlhokomela ka dinako tsotlhe go le itsa go senya dijwalo mo masimong.
O gateletse thata fa mo nakong eno leruo le tshwanetse la salwa morago e bile le tlhatlhelwa maitseboa. Fa a itebaganya le balemi, Kgosi Keikelame a re ba tshwanetse go disa masimo a bone e bile ba a agelele.
A re go lema fela mo lebaleng le gone go phuaganya masimo ga se yone tsamaiso e e tlhokafalang ka jaana go dira jalo e le tshenyo ya madi a puso.
A re puso e dirisa madi madi go leka go tlamela Batswana ka ditsompelo tsa temo gore ba ithuse lefatshe go ntsha dijo tse di lekaneng, mme go a swabisa gore go bo go na le bangwe ba ba sa tseyeng tsia temo le ntswa e le yone e e ka ba namolang mo lehumeng le le ba tseneletseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : Mogorosi
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2016






