Breaking News

Bagwebi ba a ikwadisa

23 Feb 2016

Lephata la Papadi le Madirelo le laletsa bagwebi botlhe ba madirelo a a dirang dithoto kana di dirisiwa tsa kago le ditsela go ikwadisa mo bukaneng ya Building and Construction Manufacturers ee tla bong e thusa mo lenaneong la go rudisa itsholelo la ESP.

Kitsiso e tswang kwa lephateng leo, e tlhalosa fa go kopiwa bagwebi botlhe go tsenya dipampiri tse di tlhalosang ka boleng jwa didirwa kana dithoto (product technical data sheets).

Kitsiso e tlhalosa fa dipampiri tsa ikwadiso di ka tsewa, tsa tladiwa mme tsa busediwa kwa diofising tse di akaresang tse; Lephata la papadi le madirelo mo Gaborone, lephata la dikoporase mo dikgaolong tsotlhe ga mmogo le diofisi tsa CEDA mo dikgaolong tsotlhe.

Kitsiso e tswelela e tlhalosa fago kopa tlhaloso ka botlalo, bagwebi b aka ikgolaganya le b aba latelang: Mme Keitumetse Ketshotseng, Mme Olorato Seleka, Mme Oaiste Modiakgotla le Mme Chendzimu Mbereki.
Le fa go ntse jalo, lephata le itsise fa ikwadiso e tla a tswalelwa ka Tlhakole a tlhola malatsi a le masome a mabedi le borobabongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Taletso

Date : 23 Feb 2016