Setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata
23 Feb 2016
Banni ba masimo a Thune kwa Bobonong ba thusana ditiro tsa bone ka go dira melaletsa.
Molaletsa ke mokgwa o o neng o dirwa bogologolo go thusana ditiro di tshwana go tlhagola mohero kgotsa go rema tshimo go laleditswe malwapa a baagisanyi go tla go thusana tiro go jewa dijo fela, go sena tuelo ya madi.
Banni ba masimo a, ba simolotse go tsosolosa mokgwa o, wa bogologolo, o go supegang fa o nyeletse ka go dira ditiro tsa mo masimong a bone.
Moeteledipele wa malwapa a a mo tsosolosong ya mokgwa o, Mme Lesego Modise. o tlhalositse mo puisanong fa ba tsile ka mogopolo wa go tsosolosa molaletsa morago ga go bona masimo a bone a na le mohero o montsi mme ba dumalana gore molaletsa ke mokgwa o ba ka o dirisang go thusana go tlhagola ka ba na le tlhaelo ya madi go thapa batho ba ba ka ba thusang go tlhagola.
Mme Modise o boletse gore fa lelwapa le na le tiro, le laletsa malwapa a mangwe mo maitseboeng, nako e go itsiweng gore mongwe le mongwe o a bo a le mo lwapeng. A re mo taletsong e, motho o tlaa bo a itsisiwe ka tiro e e yang go dirwa le letsatsi le e dirwang ka lone.
O tlhalositse fa ka letsatsi la tiro, mong wa tiro a supegetsa batho ba ba mo tshologileng mokgosi selekanyo sa tiro e e dirwang. A re fa tiro e sena go dirwa go jewa dijo tse di tlaa bong di apeilwe kwa lefelong la tiro. Mme Modise a re molaletsa ke tiro e e tlhokang tshwaragano e tona ya malwapa a a bapileng.
A re malwapa a bone a tshwaragane e bile ga go motlhofo gore lelwapa le tlhoke go tla taletsong kwa ntle fa go na le lebaka le le tlamang lelwapa go palelwa ke go tla taletsong. O boletse fa bontsi jwa malwapa ba kgonne go dira ditiro ka bontsi ba dirisa molaletsa ntle le ditshenyegelo tsa madi.
Mme Modise o kgothaditse Batswana go busetsa mekgwa ya bogologolo e go neng go tshusanwa botshelo jaaka molaletsa, mafisa le mekgwa e mengwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2016






