Ngwana sejo o a tlhakanelwa
23 Feb 2016
Batsadi ba bana ba bone ba dirang lekwalo la ntlha go fitlha ka la bone kwa sekoleng se sebotlana sa Mantshwabisi ba kopilwe go tshwaraganela bana le barutabana.
E rile a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng seo bosheng, morutabana yo o okametseng mephato e e kwa tlase mo sekoleng seo, Mme Keneilwe Kepaletswe a bolela fa gantsi batsadi ba emela maduo a lekwalo la bosupa e bo e le gone ba ngongoregang.
A re go tlhoka go nna le seabe ga batsadi go dira gore bana ba palelwe ke go tswa kwa mephatong e e kwa tlase ka go a bo go sena thotloetso go tswa kwa moding.
Mme Kepaletswe o supile fa maduo a sekole sa bone a sa jese monate mme ba bone go le botlhokwa go kopana le batsadi gore ba tle ba thuse go tswa ka tharabololo. O tsweletse ka go supa fa letlhoko la matlwana a borutelo e le bontlha bongwe jo bo sa ba jeseng diwelang ka go na le bana ba ba kopanelang matlwana a borutelo mme go nne mosuke fa ba bangwe ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare.
E rile a mo kgwa dikgaba mogokgo wa sekole, Mme Kesetsenao Bojase yo o neng a amogela batsadi, a tlhalosa fa a lebogela dipalo tse batsadi ba tseneng phuthego ka tsone bogolo jang e le banana.
O ne a supa fa bontsi ja batsadi, ba ne ba ntse ba sa tsene diphuthego, mme a re go tla ka dipalo tse di kalo jaanong go supa tlhwaafalo. O tsweletse ka go supa fa ba leka ka bojotlhe go bereka le dikomiti tsa motse jaaka ya ditlhabololo tsa motse ga mmogo le yone ya badirelapuso go bona gore ba ka rarabolola bothata ja maduo a a kwa tlase jang.
Mme Bojase o tsweletse ka go supa fa boitshwaro jwa bana e se jo bo kgatlhisang mme se se tlhoka tshwaragano ya barutabana le botsadi, o bile a supa gore fa tirisano e ka nna teng, maduo a tlaa tokafala.
O bile a kopa batsadi go tsalana le barutabana go ntsha maduo.
E rile a akgela mongwe wa batsadi, Rre Maipelo Mpitlwe a tlhalosa fa ba lebogela go bo barutabana ba bone go le maleba go ba bitsa gore ba tle ba tshwaraganele thuto ya bana le bone go tswa kwa moding. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego
Date : 23 Feb 2016






