Lesoso Solar e tlaa fetlha motlakase
23 Feb 2016
Koporase ya Lesoso Solar Multipurpose e ikaelela go fetlha motlakase wa marang a letsatsi mme e thuse batho. Mafoko a, a builwe ke mogokaganya ditirelo tsa koporase eo, Rre Lister Tlale, mo potsolosong bosheng.
Rre Tlale o ne a tlhalosa fa lefelo le le fetlhang motlakase le, le tlhomilwe kwa Tobela mo kgaolong ya botlhophi ya Shoshong mme le araba matshwenyego a tlhaelo ya motlakase mo lefatsheng leno gammogo le mo kgaolong ya bone.
A re e re ka marapo a go phatlalatsa motlakase a rwelwe ke Botswana Power Coorporation, tiro kgolo ya Lesoso Solar e tlaa bo e le go fetlha motlakase fela, o bo o fetisediwa kwa go ba ba maleba go o phatlalatsa.
A re lefelo le, le le tlaa simololang go dira mo nakong e e sa fediseng pelo, le beilwe fa thoko ga tsela ya Shoshong/Mahalapye go dira gore kgokelo ya motlakase e nne motlhofo go tsenngwa mo dipaleng tsa motlakase.
A re se, se na le bokgoni jwa go godisa itsholelo le serudumo sa Tobela, a tlatsa ka gore go na le kgonagalo ya koketsego ya kgwebo le bojanala mo kgaolong eo. “Ke bua jaana ke lebile bokete jwa batho jo bo neng bo tsholegetse go bona lefelo le mo moletlong wa maloba.’
Mo godimo ga moo, banni ba Tobela ba tlaa nna le sebaka sa go bona ditiro.
Le fa go ntse jalo, koporase ya Lesoso Solar Multipurpose, ga e a itebaganya fela le go fetlha motlakase wa letsatsi.
E ikaelela go tsena mo mohameng wa temo-thuo, selo se Rre Tlale a tlhalositseng fa e le nngwe ya dintlha tsa bogwebi tse mmuso o di rotloetsang. A re go lemosegile gore dijo ka bontsi di tsewa kwa mafatsheng a sele ka selekanyo se se kwa godimo, sebe sa phiri e le gore ke tse Batswana ba ka di itemelang.
Dingwe tsa dijo tse di akaretsa mabele, mmidi le merogo, tse a reng mo nakong ya gompieno di rekwa kwa mafatsheng a tshwana le Australia go tsisiwa mono.
‘Re ya go inaakaknya le temo ya dijo tse go itsa goromente go di reka kwa ntle.’
Rre Tlale a re koporase e tlaa rekisa dingwe tsa dijo tse kwa Botswana Agricultural Marketing Board fa tse dingwe di tlaa rekisediwa mabankele a matona.
Fa go tla mo go tsa thuo, o tlhalositse gore ba tlaa tsena mo thuong le thekiso ya dikgomo, le go rua dipodi tsa mashi, a tlatsa ka gore go ya ka dipatlisiso, go lemosegile fa mafatshe a Europe a na le kgatlhego mo mashing a dipodi, ka jalo ba tsile go di rua ba bo ba rekisa mashi a teng.
Go ya ka Rre Tlale, ditiro tsa mofuta o di na le bokgoni jwa go tsholetsa itsholelo ya kgaolo le go tokafatsa matshelo a banni. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : Shoshong
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2016






