Breaking News

Puso o tshela Batlokwa malepe

23 Feb 2016

Kgosi kgolo wa Batlokwa a re kgosi e na le boikarabelo jwa go tlamela, go sireletsa le go dibela morafe. Kgosi Puso o buile se fa a buisa Batlokwa mo phuthegong ya kgotla kwa Tlokweng ka Matlhatso.

A re kgosi ga e a tshwanela go reketla ka jaana e le ene a solofelwang go fa morafe dikgakololo, go ba gomotsa le go bona gore dikgatlhego tsa morafe di a sirelediwa. O ne a kaya fa go le botlhokwa gore magosi jaaka baeteledipele ba merafe ba ikanye Modimo mo ditirong tsa bone.

“Ga ke itse gore dikgosi tse di sa tseneng dikereke di tsaya bogakolodi ko kae,” ga bua Kgosi Puso. O ne a tlatsa gape ka gore “kgosi ke motlodiwa wa Modimo, mme Modimo o mo sireletsa mo diphatseng tsotlhe”.

Kgosi Puso o ne gape a tlhalosa fa kgosi a emetse dikeletso tsa morafe otlhe ka jalo a sa tshwanelwa ke go nna o kare o tsaya letlhakore. A re morafe o tshwanelwa ke go amogela gore go na le ditshwetso tse dikgosi di kgonang go di tseela morafe kwa ntle ga go rera le morafe pele, a tlhalosa fa bogosi bo baya dikeletso tsa morafe kwa pele.

“Ga ke kgosi ya monana, fa ke tlhomiwa ke elelela pele monana le mogolo,” ga tlatsa Kgosi Puso. O ne a gakolola morafe go tlotlana ka dinako tsotlhe.

Mo go tse dingwe, o ne a gakolola morafe fa dikgosi di letlelelwa go re ba seka ba sekisa dikgang tse ba amegang mo go tsone kana ba amana le basekisiwa kana baikuedi.

Ka jalo, o ne a tlhalosa fa dikgang dingwe di tlaa sekisiwa ke magosi a a tswang kwa ntle ga bogosi jwa Batlokwa, se e le go tlhomamisa fa morafe o bona tharabololo e e tlhapileng ya dikgang tsa bone. Kgosi Puso, yo e leng modulasetilo wa ntlo ya dikgosi, o ne a re ngwaga ono ke ngwaga wa leuba, ka jalo go sena metsi le phulo ya loruo.

O ne a kopa Batlokwa go fokotsa leruo la bone gore ba kgone go tlamela leruo fa mafulo a setse a kgothegile gotlhelele. Fa ba akgela, Batlokwa ba ne ba leboga kgosi ya bone go bo a nna a ba biletsa diphuthego le go kaya fa a ikaelela go etela dikole tsa motse wa gagwe a kgothatsa baithuti. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : Tlokweng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Feb 2016