Monna o lebiswa molato wa go rekisa bojalwa
23 Feb 2016
Mapodisi a Gumare a lebisitse monna wa dingwaga tse di masome a mane le borabongwe molato wa go rekisa bojalwa jo bo sa letlelelweng.
Bojalwa joo, jo bo fitlhetswe mo ditankeng tse ditona di le pedi tse go bolelwang a ne a di fitlhile ka go di epela mo ntlong ya gagwe.
Mookamela mapodisi a Gumare, Superitendent Phillip Lopang o tlhalositse bosheng gore mapodisi a ne a ntsha letsholo la go tsena mo dikgotlaneng mme e rile ba tsena kwa Boyei, e itsegeng gape ka go bidiwa Learabi, ba phuruphutsa mme ba fitlhela lehuti mo ntlong le na le bojalwa jo bo bidiwang shakeshake powder jo bo sa letlelelweng.
O tlhalositse gore bojalwa jo, ba bo fitlha ka go bo khurumela ka mapolanka a tlhatlagane a le mabedi mme ba bee diaparo fa godimo go leka go timetsa bosupi. Superintendent Lopang o boletse gore monna yo o tlhalositse fa a dira se go itshetsa.
O supile fa ba atlhotse rre yo P300 mme ba gapa le one majalwa a sa letlelesegeng ao. O tlhalositse gore e ntse e le mo kgotleng e ya Learabi, go supafala go na le matlo a kwa ntle a lebegang a sa dirisiwe mme ba belaela fa go titielwa ga majalwa a go direlwa mo go one.
O kaile gore matlo a otlhe a lotletswe mabati mme e rile ba botsa batho ba kgotlana e, ga bo go sena ope yo o tswang ka nnete.
Superintendent Lopang gape a re ba fitlhetse gone mo ntlong e e neng e epetse majalwa go na le mophuthelwana o ba belaelang e le motokwane ka jalo ba emetse go o isa go ya go tlhatlhobiwa.
O kaile gore go lebega batho go tswa kwa dikgotlaneng tse dingwe tsa motse jaaka Legonono, Bothathogo le tse dingwe le bone ba na le seabe sa go tla go titiela majalwa a ko lefelong lone le.
O gakolotse setshaba gore majalwa a a letlelelwang go rekisiwa mo malwapeng a akaretsa Khadi,Mokuru,Setopoti,Nkumbi le Ila. O tlhalositse fa mme majalwa a beetswe dinako tse a tshwanetseng go rekisiwa ka one.
O kopile setshaba go ela tlhoko majalwa a tshwanang le a a gapilweng fa a le borai fela thata mo botsogong jwa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2016






