Tona o rotloetsa ipelafatso ka diteme
23 Feb 2016
Tona wa lephata la banana, metshemeko le ngwao, Rre Thapelo Olopeng, a re o tshwenngwa ke banana segolo jang baithuti ba ba tsenang mo dikoleng tsa sekgoa, ba go lebegang ba latlhegelwa ke puo ya bone.
Tona o buile jalo kwa moletlong wa letsatsi la setshaba la diteme le le neng le tshwaretswe kwa Lecheng ka Matlhatso.
A re go a tshwenya go bona bana ba bua sekgoa thata go feta puo ya segabone, mme a re batsadi le bone ba na le seabe mo go seo ka gore le fa ba na le bana kwa malwapeng, ba buisiwa ka teme ya sekgoa fela.
O kopile batsadi go ruta bana go bua segabone le go ipelafatsa ka sone le go ba ruta ditiro le dingwao tsa Setswana ka dinako tsotlhe.
A re go monate gore motho a tlotlomatse puo ya segabone mme e buiwe ka botswapelo. Tona Olopeng a re lephata la gagwe le tsisa boitumelo le monyenyo mo difatlhegong tsa Batswana, ke sone se puso e le emeng nokeng morago ga go lemoga fa le tshwaraganya setshaba.
A re mononwaga ba abetswe P11 million go rotloetsa le go rutuntsha ditiro tse di farologaneng tsa ngwao.
A re ene le badiri ba lephata la gagwe ba ipelafatsa ka kemonokeng ya ga Tautona ya go epolola ditalente tsa bodiragatsi le dingwao tse di farologanyeng, mme a rotloetsa banana go ema ka dinao go ikwadisetsa dikgaisano tse di nnang teng ngwaga le ngwaga.
Tona Olopeng a re mmadikole le ene o tshwere ka thata go ruta le go tsosolosa diteme tsotlhe tsa lefatshe leno, le gone gore dipatlisiso di a dirwa go kwala ka diteme tsa lefatshe leno, a bo a re ba setse ba na le dibuka tse di supang fa go monelwa marulana pele.
O ne a kgothatsa setshaba go ithuta diteme tse di farologaneng a re go tshelwa mo dipakeng tsa lefatshe le le tshwaraganetsweng le a mangwe, ka jalo go botlhokwa go itse diteme di le dintsi, a re gape go a nyalelwana, go iwa dikoleng, go a etelanwa ka jalo go botlhokwa go itse diteme tse dingwe.
Kgosi Tlabo Malebogo, go tswa kwa Malebogo kwa Africa Borwa o ne a tlhalosa fa bone e le morafe wa Mohananwa ba ga Malebogo, ba bopilwe ke merafe e e farologaneng fela jaaka Batswana, ba tlholega mo Botswana mme ba ne ba tlolela kwa Africa borwa ka dinako tse di kwa morago tsa bo 1942.
Kgosi Malebogo o ne a supa fa bone le Batswapong e le bana ba motho a le mongwe, mme a leboga thata ka thulaganyo e e dirwang mono Botswana ya go kopanela letsatsi la Maleme jaaka ene a ne a buwa, a re batho ke bone ba ikgaogantseng ka maleme a a farologaneng ba rotloediwa ke fa ba leng teng ka dinako tseo.
O ile a re ba bina tshwene mme fela ga se bapedi, a re ke keletso ya bone go kopana le bangwe ka bone ba Batswapong go tla go itsanye le go itsaya ka motlhala gore ba tswa kae ba tsholwa jang ke bomang.
O ne a kopa puso ya lefatshe leno go ba letla go tla go kopana le bomorwarraabo, le gone gore a melolwane e seka ya ba kgaoganya a re a e re ba tla gae go lemogwe fa le bone e le batho ba Botswana ba isitswe fela ka kwa ke mabaka a botshelo.
O ile a re morafe o o ka kwano wa Batswapong le kwa a tswang teng o teng ka dikgotla tsa bone fela jaaka mo Botswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Lecheng
Event : Tsatsi la setshaba la diteme
Date : 23 Feb 2016






