Breaking News

Bagolwane ba ruta banni ka lenaneo

23 Feb 2016

Banni ba Moshaweng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba kopilwe go rua dihutshane tse di tsamaisanang le dipaka tsa kgaolo ya bone.

E rile a bua mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ofisi ya nyeletso lehuma go tswa Letlhakeng bosheng, mogolwane go tswa mo ofising eo, Rre Mmolotsi Tsime, a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go tsamaya le kgaolo ba ruta botlhe ba ba neng ba kopile dithuso tsa nyeletso lehuma gore e re ngwaga wa madi o simologa ba bo ba eme malala a laotswe.

O tsweletse ka go supa fa go lemosegile fa baikopedi ba sa le ba ikopela ka ngwaga wa 2013 mme ka ntata ya kwelo tlase ya itsholelo ba seka ba kgona go ba thusa.

A re jaaanong ba tsweletse ka go ntsha melala ka e bile baikopedi ba ne ba setse ba sekasekilwe ke ba boipelego mme se se tlaa dira tiro ya bone motlhofo. O kaile fa madi a go reka dihutshane a okeditswe go tswa kwa go P10 000 go ya go P15 000.

Mogolwane go tswa mo ofising ya LIMID, Rre Kgang Mongale o tlhaloseditse batsaya karolo mo thuto puisanong eo fa podi ya Setswana e le bogadi bo gaufi e bile e kgona go tshela mo diemong tse di thata.   
Rre Mongale o tsweletse ka go supa fa go tlhokomela dihutshane di tshwana le nku le podi go tlhoka gore morui a bo a nna gaufi le seruiwa sa gagwe go se tlhokomela sentle.

O bile a supa fa go  tlhokega go sireletsa dihutshane fa dipaka di fetoga ka go dira jalo go itsa go swa ga tsone.

E rile a latlhela la gagwe, mokenti wa kgaolo, Rre Tafilani Tafilani, a rotloetsa baikopedi go dirisana le ofisi ya bone ya bakenti ka e le bone ba ba ka thusang ka dikgakololo gore fa seruiwa se lwala se tlhoka molemo ofe go na le go dirisa molemo mongwe le mongwe mo go feletsang go bolaya leruo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Thuto puisano

Date : 23 Feb 2016