Breaking News

Disana II o rolelwa kgosi semmuso

23 Feb 2016

Banni ba kgotla ya Disana II kwa Maun, ba roletswe kgosana ya bone semmuso ebong Kgosi Tatlhego Raphenya bosheng. 

Se se diragetse morago ga leina la gagwe le sena go isiwa ditshekatshekong mme tona wa lephata la dikgaolo, a bona e le ene a tshwanetsweng ke tiro ya go etelela morafe wa Disana II.

Mongwe wa marara a motse wa Maun, Kgosi Oleyo Ledimo, o ne a tlhalosa fa a romilwe ke Kgosi Kealetile Moremi go tlhalosetsa morafe gore ba bone kgosi ya bone yo ba neng ba mmatla. Kgosi Ledimo o ne a bolelela Kgosi Rapheya fa morafe e le one o dirang gore e nne kgosi, mme ka one mokgwa o, a tshwanetse go tlotla morafe wa gagwe ka dinako tsotlhe.

“O tshwanetse wa tsaya batho ba gago ka tlhompho le ka lorato ka e le bone ba ba ka go sireletsang e bile ba go tsholetsa,” a tlatsa.

A mo gakolola gore go dinako tse batho ba tle ba lebale maitlamo a bone fa ba sena go fenya, ba bonye se ba se batlang, mme botho jo bo sa letlelesege ka kgosi e le thotobolo e olela matlakala. A raya morafe wa Disana II gore fa kgosi e tswa mo tseleng e le morafe ba tshwanetse ba bua le yone ka tsela e e siameng gore ba ba tswang kwa ntle ba mo tlotle.

A tswelela ka gore tiro ya kgosi ke go kopanya setshaba gore se nne seopo sengwe ka jalo a tshwanetse go dirisana le batho botlhe mo motseng le bao ba a itseng gore ba ne ba sa mo tlhopha. A re ditiro tsa kgosi ke go letlanya dikgang tsa selegae. O supile fa maikaelelo a tetlanyo e le go fokotsa dikgang tsa ditsheko kwa kgotleng e tona.

Mo kamogelong setilo sa bogosi, Kgosi Repheya o ne a supa fa mafoko a ga Kgosi Ledimo le ba ba tseneng phuthego, a mo file nonofo e bile a leboga tshepho e morafe wa Disana o nang le yone mo go ene. A kopa batho ba gagwe gore fa a sa direng teng sentle ba mo gakolole ka a setse a ithuta tiro e ya bogosi e bile a ititeile sehuba go dira ka natla.

Kgosi Repheya a re o tswa le go ithaopa kgakala fa a sale mmotlana go fitlhelela a tla mo kgotleng ya Disana II fa a ileng a simolola khwaere ya twantsho borukutlhi, mme morago a nna modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : Maun

Event : Go rolwa ga kgosi

Date : 23 Feb 2016