Banni ba boletse ditoro tsa bone
23 Feb 2016
Banni Jackalas No 1 mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba ntshitse maikutlo a bone ka tebelopele e e baakanyediwang ya 2036.
E rile ba akgela mo phuthegong ya kgotla kgwedi eno e le lesome le borataro, e e neng e biditswe ke setlhopha sa bobedi sa lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo e e baakanyetsang tebelopele ya 2036, banni ba ne ba ntsha megopolo e e faloganeng.
E re le ntswa ba ne ba ntsha megopolo jalo, ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka jaana go tsewa megopolo mo go bone mme go ise go ntshiwe pego ya tshekatsheko ya tebelopele ya 2016 go bona tse di fitlheletsweng le tse di retetseng.
Le fa go ntse jalo, mo gareng ga ditoro tsa bone, bontsi jwa banni ba ne ba supa fa ba eletsa go bona lefatshe leno le batho ba lone ba ikemetse mabapi le go ntsha dijo tse di lekaneng go na le go ikanya dijo tse ba tlhalositseng bontsi jwa tsone di tswa kwa mafatsheng a sele.
Ba re seo se ka kgonega fela fa batho bogolo jang banana ba ka lemontshiwa botlhokwa le boleng jwa go jesa lefatshe, segolo jang go itebagantswe le go ba fa ithutuntsho e e tseneletseng e e ka ba gwetlhang go inaakanya le temo-thuo.
Banni ba Jackalas No 1 ba tsweletse ba tlhalosa fa go le botlhokwa gore go dirwe molao o o laolang lenaneo la Ipelegeng, go akarediwa le dingwaga tsa bao ba ba tlaa letlelelwang go bereka mo lenaneong leo, ba tlatsa ka gore molao oo, o tshwanetse wa itsa banana go inaakanya le lenaneo leo.
Ba re fa molao oo o ka diragadiwa, o ka tsosolosa mowa wa boipelego, o o ka isang lefatshe leno golo gongwe ka jaana banana ba tlaa nna le sebaka sa go itirela ka diatla mo ba ka kgonang go jesa lefatshe leno le mafatshe a mangwe tota.
Banni bangwe ba eletsa go ka okediwa dikatso tsa Tandabala le gore bao ba ba amogelang madi ao ba thusiwe gape ka go phakisiwa dijo, ka jaana motho fa a le mo dingwageng tseo, ga a na maatla a go itirela sepe, ba re go dira jalo go tlaa thusa gore batho bao ba seka ba tshwenyega ka go inaakanya le lananeo la Ipelegeng.
Sengwe se banni ba Jackalas No 1 ba eletsang go ka itebaganngwa le sone go ya 2036, ke go tiisa itshireletso mo molelwaneng wa lefatshe leno le mafatshe a mangwe, ba tlatsa ka gore go tshwanetse gape ga tlhongwa didirisiwa tse di tlhatlhobang dikoloi (scan) kwa dikgorong tsa melelwane go itsa dilo dingwe tse di sa siamang go felela di tsene mono.
Mongwe wa banni, Mme Leni Modo o boletse fa a eletsa go bona mo tebelopeleng ya 2036 bana ba ba tsenang kwa dikoleng tse di senang matlo a boroko a baithuti mme ba tswa kwa mafelong a a kgakajana, ba thusiwa ka dipalamo tse di ba isang kwa dikoleng
E ne e rile go le pele, mongwe wa maloko a lekoko leo, Rre Mpho Balopi a gwetlha Batswana go ntsha megopolo ya bone ka dikakanyo tsa gore ba baakanyetsa bokamoso jwa lefatshe leno gammogo le jwa dikokomane tsa bone.
Rre Balopi a re go nna le seabe ga Batswana mo go betleng dipilara tsa tebelopele ya 2036, go ka thusa gore dikokomane tse di tlang kwa morago di tle di akole maungo a lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Jackalas No 1
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Feb 2016






