Breaking News

Borre ba gakololwa go ikuela

23 Feb 2016

Kgosi Kenneth Mosarwa wa  Shakwe o kopile borre ba ba kgokgontshiwang gore ba ikuele. A re le fa borre e le bone go tlwaelesegileng ba kgokgontsha bomme le bana, kgokgontsho ya borre le yone e a diragala.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi  Mosarwa o boletse fa kgokgontsho e diragalelang borre mme e sa tsewe tsia e le ya tiriso ya mafoko a a botlha.
O boletse fa borre bangwe ba motse oo ba kgokgontshiwa ka dipalo tse di kwa godimo mme ba sa ikuele.

O ne a tlhalosa fa Shakwe a le monnye fela thata ka jalo ba kgona go bona fa kgokgontsho e diragalang teng mme batho ba teng ba sa ikuele.
Kgosi o tlhalositse gore bomme ba na le dikgang tse di bosula tse ba nnang ba di buisa borre, tse di dirang gore ba felele ba palelwa ke go tshwara maikutlo a bone.

A re go palelwa ke go itshwara ga bone go dira gore ba dirise methale e e sa siamang go kgalema bomme jaaka go itaa.
O kopile ba molao go tsaya dikgang tsa kgokgontsho ka tekatekano ba sa sekamele gope. Mo go tse dingwe, kgosi a re o kopa bomme gore ba tlhaloganye gore botshelo le botsogo jwa bone di tla pele ka jalo ba tshwanetse go tsibogela dikgang tse di ba amang.

“Basadi le bone ba na le gore fa ba kgokgontshiwa ba bo ba tshaba go ikuela kwa mapodising ka gore ba lebile gore rre yo ba mo sekisang yo ke ene a tlisang dijo mo lwapeng mme se se dire gore ba nne fela ba kgokgontshiwa,”a tlhalosa.
O boletse gore go fokotsa kana go nyeletsa kgokgontsho gotlhelele ke fela fa bomme le borre ba ka tsaya kgang e ya kgokgotsho ka tlhwaafalo ka gore kwa bofelong e kgona go baka dintsho le dikgobalo tse di masisi.

Fa a itebaganya le tlhokomelo ya bana, kgosi a re o lemogile fa bomme bangwe ba itlhokomolosa go tlhokomela bana ba lebile fela mo go borre, a tlatsa ka gore ngwana o tshwanetse go tlamelwa ke batsadi botlhe.
O ne a gakolola borre gore le bone ba tseye dikgato fa bomme ba sa tlhokomele bana ka gore seo ke kgatelelo mo go borre.

A re fa mongwe le mongwe a ka ikemisetsa go tsaya boikarabelo jwa go lwantsha kgokgontsho, go ka kgonega gore e nyelediwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Shakwe

Event : Potsolotso

Date : 23 Feb 2016