Mokgatlho o ithaopa go ruta setshaba ka HIVAIDS
23 Feb 2016
HIV/AIDS ke bongwe jwa malwetse a a apesitseng mafatshe ka bophara kobo ka letshobo.
Ka jalo makgotla a a ikemetseng ka nosi a dira bosigo le motshegare go thusa puso go lwantsha le go nyeletsa ledimo le gotweng HIV/AIDS.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, moeteledipele wa mokgatlho wa Ideal Woman Association kwa Mahalapye, Mme Catherine Kapo a re mokgatlho wa gagwe o tshwenyegile ka go utlwa dipalo tse di tsweletseng ka go ya godimo tsa batho ba ba amiwang ke mogare wa HIV, ka jalo ba ithaopile go ruta setshaba ka bolwetse jo.
A re motlha o gorogile wa gore Batswana ba ikgaphe mo dilong tse di ka anamisang mogare.
O boletse dilo di le mmalwa di akaretsa nnotagi, bakapelo ba bantsi ga mmogo le go amogana didirisiwa tse di bogale e le tsone di anamisang bolwetse, ka jalo batho ba tshwanetse go ikelatlhoko ka dinako tsotlhe go hema go amega ka tsela epe fela.
Go sale foo,o tlhalositse fa bangwe ba bone ba na le dingwaga tse dintsi ba tsaya kalafi ya dipilisi tsa diritibatsi,a tlatsa ka gore botsogo jwa bone ke jo bontle fela thata.
O tsweletse a kgothatsa batho go ja dijo di tshwana maungo le merogo tse di ka thusang masole a mmele go lwantsha malwetse a mangwe go tsena mo mothong.
Mo godimo ga moo, o kopile bomme go dirisa lenaneo la PMTCT go sireletsa masea a bone mo go tsenweng ke mogare.
A re sephiri sa bolwetse jo ke go sala ditaelo tsa bongaka morago le gone go ja dijo tse di maleba tse di ka thusang pilisi go itsetsepela kgatlhanong le mogare.
A re o rotloetsa batho botlhe ba ba tshelang le mogare le botlhe go dirisa dikhondomo go itshireletsa fa ba tlhakanela dikobo.
“Rotlhe fa re ka ema ka dinao dipalo tse disha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di ka fokotsega fela thata,”a tlhalosa.
O kgothaditse thata segolo bogolo banana ka e le bone ba ba amilweng ke bolwetse jwa HIV/AIDS le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo thata a re ba tshwanetse go itlhokomela ka dinako tsotlhe.
O ne a tswelela a kopa banana go emisa mokgwa wa go nna le bakapelo ba feta bongwe, a tlatsa ka gore seo se borai gape kanamo e ka nna bofefo.
“Ke utlwisiwa botlhoko ke gore maduo a mekgwa eo ke boimana jo bo sa akanyediwang le mogare wa HIV o o tshelang le motho botshelo jotlhe,” a tlhalosa.
A re o kopa banana botlhe ba ba iseng ba amiwe ke mogare go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang kana go ikgapha gotlhelele kana ba nne le mokapelo a le mongwe.
O ne a gakolola banana go etela makalana a botsogo a tshwana le la Tebelopele Testing Centre le dikokelwana tse di gaufi le bone go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS ga mmogo le go tsaya bogakolodi jo bo nonofileng mo baitseanapeng.
A re o kopa botlhe ba ba itseng ba na le mogare go tsaya ditshwetso tse di maleba ka dinako tsotlhe go femela matshelo a batho ba tshelang le bone.
O kgothaditse ba ba maoto a tshupa go tsaya kalafi go dira jalo,e bile ba seka ba akanya go e phuaganya mo tseleng, a tlatsa ka gore fa ba ka dira jalo ba tlaa tshela lobaka.
A re puso e dirisa madi a mantsi go reka dipilisi tse di turu tse di ritibatsang bolwetse jwa HIV/AIDS ka jalo go ka nna maswabi thata fa batho ba ka goga maoto go tsaya kalafi.
“Jaanong a re ikgalemeleng Batswana bagaetsho, ntwa e bolotse, a re tseneng rotlhe re lwantshe kgogomodumo yo gotweng HIV/AIDS,” a tlhalosa.
O tsweletse a kopa botlhe ba ba tsayang dipilisi tse di ritibatsang mogare gore ba seka ba di kopanya le bojalwa kana ba di nwa ka bojalwa, a bo a tlatsa ka gore ba seka ba berekisa mala a bone ka seo se le borai.
Mme Kapo a re o kgala tiriso nnotagi e e kwa godimo a kaya fa le yone e na le seabe mo kanamisong ya malwetse a a borai a tlhakanelo dikobo mme a kopa setshaba go itekanyetse go nwa bojalwa gore ba tle ba nne le go laola maikutlo a bone.
O ne a kopa batho go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo a supa fa mmele wa motho e le tempele ya Modimo,ka jalo e tshwanetse go sirelediwa mo malwetseng kana tiriso botlhaswa epe fela.
Go ntse go le foo, Mme Kapo o kgothaditse borre go rupa go leka go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV/AIDS.
A re baitseanape ba botsogo ba supa fa go rupa moo go fokotsa go tsenwa ke mogare ka selekano sa 60%,a tlatsa ka gore jaanong 40% ene o ka kgonagala fela fa batho ba ka fetola boitshwaro jwa bone.
A re o rotloetsa bomme ba ba nang le bana ba basimane gore ba ba ise dikokelwaneng go ya go rupisiwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2016






