James o itshetsa ka matlalo
21 Feb 2016
Mme Maria James ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang gore mokodue go tsosiwa o o itekang.
Se se supilwe ke tshwetso e a ileng a e tsaya fa a lebanwe ke lehuma. Mme James o tlhalositse fa a tsene sekole go ema ka mophato wa bobedi.
A re o ne a nna fela go sena sepe se a se dirang sa itshetso. O simolotse tiro ya go roka matlalo ka ngwaga wa 2000 a sena go ikwadisa le mopalamente wa kgaolo ya gagwe gore o kopa thuso.
O tlhalositse gape gore mo ngwageng one oo, ka thuso ya mopalamente, o ne a kgona go isiwa sekoleng sa go ithutela tiriso ya matlalo kwa Rural Industries Innovation Centre (RIIC).
Mme James o tlhalositse fa e rile a tswa kwa sekoleng, a simolola go bereka a roka ka matsogo ka a ne a sena metshine. A re o ne a seka a ipona tsapa mme a dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho le boineelo.
O ne a tlatsa ka gore go rata tiro ya gagwe ke gone mo go mo kgontshitseng go tswelela pele.
Ka thuso ya ba lephata la bong, Mme James a re ne a fiwa motshine o o rokang gammogo le didirisiwa tse dingwe jaaka ditafole ka ngwaga wa 2012. A re se, se ne sa dira gore tiro ya gagwe e tswelele sentle e bo e tlhofofale.
Nngwe ya dilo tse Mme James a di dirang o tlhalositse fa e le kapari ya Setswana, dibeke le ditlhako. A re gape o baakanya ditilo tsa dikoloi le tsa mo ntlong ka go di apesa matlalo.
O ne a tlatsa gape ka gore o kgona go baakanya le sepe fela se se dirilweng ka letlalo. Mme James a re kgwebo e ya go roka ka matlalo e mo thusitse fela thata mo botshelong jwa gagwe.
A re ka kgwebo e, o kgonne go tsenya bana ba gagwe dikole, e bile o nnile le ditsha tse pedi ka yone. Mme James a re batho ba supa kgatlhego mo tirong ya gagwe mme e bile ba supa seo ka go reka dilwana tse a di dirileng.
O boile gape a re dilwana tsa gagwe di a tle di tsenelele dikgaisano jaaka ko ditshupong tsa Serowe le ko Gaborone mme di dire sentle fela thata. Mme James o ne a leboga puso ka dithuso tse e ba di fang e le Batswana.
A re o solofela fa kgwebo ya gagwe e tlaa tswelela ka go gola. A re o solofela se ka o simolotse a roka ka letsogo mme jaanong o na le mochine o a o dirisang. O ne a tlatsa ka gore keletso ya gagwe ke go bona a thapile ba bangwe mo kgwebong ya gagwe gore le bone ba kgone go itshetsa.
A re o ikaelela gape go amogana dikitso le ba ba ka dirang nae. Le fa go ntse jalo Mme James a re kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho. A re dikgwetlho tse di akaretsa go tlhoka kwa a ka rekisang dilwana tse a di dirileng teng.
A re kgwetlho e nngwe ke gore o reka matlalo boturu mme seo se dire gore a tsholetse tlhwatlhwa ya dilwana tse a di dirang. O boletse fa bareki ba ngogorega thata fa ditlhwatlha di le kwa godimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Itumeleng Gabosekwe
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 21 Feb 2016






