Inaakanyeng le mananeo
21 Feb 2016
Mokhanselara wa kgaolwana ya Tumasera/Seleka mo kgaolong ya Sefhare-Ramokgonami, Rre Obitseng Gabadise, o kgothaditse banni ba Seleka go inaakanya le mananeo a puso e tsweletseng ka go a ntsha gore ba tokafatse matshelo a bone.
Rre Gabadise o boletse se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng.
A re o tshwenngwa ke go bona batho ba itlhokomolositse mananeo mme seemo sa bone sa itsholelo se le kwa tlase.
O tsweletse ka gore batho ba supa kgatlhego e ntsi thata mo lenaneong la Ipelegeng mme lenaneo leo le tsaya nako e khutshwane motho a dira mo go lone a gakolola fa go le botoka thata fa motho a ka inaakanya le mananeo a mangwe a dikgwebo ka one a kgona go nna a sennela ruri fa mogwebi a tsaya kgwebo ya gagwe ka tlhwaafalo.
Rre Gabadise a re fa puso e ntsha mananeo, batho ba tshwanetse go a tsaya ka bontsi ka gore ga ba itse gore a mo dingwageng tse di tlang a tlaa bo a ntse a le teng kgotsa a emisitswe.
A re fa motho a dirisitse sebaka se se leng teng gompieno, e ka re ka moso fa mananeo a emisitswe a kgona go tlogelela bana ba gagwe boswa.
Mokhanselara gape o ne a rotloetsa banni gore fa ba tlhopha mananeo, ba tlhophe a a farologaneng go itsa phadisano e e kwa godimo.
A re motse o tshwana le Seleka ke motse o monnye thata o e leng gore fa batho ba le bantsi ba le mo kgwebong e nngwe fela, ba felela ba phutlhama botlhe ka go tlaa bo go sena yo o rekelang yo mongwe.
Mmaboipelego, Mme Keope Tebalo, ene a re o lemogile fa batho ba le maoto a tshupa go tsaya mananeo gore ba tokafatse seemo sa itsholelo mo malwapeng a bone.
Mme Tebalo a re dipalo tsa batho ba ba itekanetseng go ka iperekela ba ba tlang go kopa gore ba thusiwe ka fa tlase ga lenaneo la ba boipelego di kwa godimo.
Fela jaaka mokhanselara, mma boipelego le ene o ne a rotloetsa gore morafe o se ipone tsapa mo go inaakanyeng le mananeo.
A re ofisi ya boipelego ga e thuse ope yo o itekanetseng mo mmeleng le mo tlhaloganyong ka dithuso dipe fela ntle le tsa mananeo.
Mme Tebalo o ne a rotloetsa banni gore ba leke go bereka ba le ditlhopha gore ba kgone go tla ka megopolo e e farologaneng ya go ka godisa dikgwebo tsa bone.
A re ba seka ba kgojwa marapo ke tiego ya mananeo, a tlatsa ka gore ofisi kgolo ya boipelego e mo dithulaganyong tsa go fefosa go ntsha dithuso tsa mananeo.
Banni ba ne ba leboga mokhanselara, ba re ga a ipone tsapa go ba rotloetsa go tlhabolola matshelo a bone.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba supa fa ba sale ba ikopetse mananeo ba bo ba isiwa dithutong mme mathata e le yone tiego ya go neelwa dithuso kgotsa didirisiwa.
Banni ba ne ba supa gape fa tlhaelo ya metsi e ama mananeo mangwe a a setseng a le teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Seleka
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Feb 2016






