Breaking News

Leruo le a tshwenya kwa Marobela

18 Feb 2016

Banni ba Marobela ba re ba tlhorontshiwa ke leruo le le gobeyang mo motseng.

Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e biditswe ke moemela bogosi jwa kgaolo ya Tutume kwa Ntlong ya Dikgosi, Kgosi Rapelang Khuwe ka Labobedi.

Banni ba boletse gore se se ngomolang pelo ke gore bangwe ba bone ba beile tema, mme fa ba lela ka letsatsi ka fa, leruo le lone le dira ga lone. Ba re se, ga se ba jese diwelang ka gore ba ne ba solofetse gore ba tlaa sela sengwe jaanong leruo le ba jesetsa mo kgobedung.

Kgosi Khuwe o buile a sa kgwe mathe a re go molato go tlogela leruo le gobeya ka le molao o le teng o o laolang tsamaiso ya thuo ya leruo mo motseng. O boletse gore mang fela yo o tlaa fitlhelang leruo mo tshimong ya gagwe kgotsa mo lwapeng, a le gatelele kwa kgotleng kwa mong a tlaa lebisiwang molato wa go sa tlhokomeleng leruo.

A re go na le batho ba ba sa tlhokomeleng dintsa tsa bone mo di felelang di senyetsa baagisanyi, mme a re seo le sone ke molato o o nang le katlholo e e kwadilweng mo melawaneng ya tlhokomelo ya leruo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Khuwe o boletse fa a sa jesiwe diwelang ke palo ya batswakwa ba ba tletseng mo motseng mme ba sena diteseletso tsa go nna mo Botswana.

A re sebe sa phiri ke gore banni ba motse ba ba fa bonno mme a bolela fa go dira jalo e le molato o motho a ka o atlholelwang madi a a kanang ka sekete kgotsa kgolegelo.

Gape a re o lemogile gore batho ga ba tseye tsia molao oo ka ba itse gore ba tlaa duela mme a bolela gore mo bo gompienong, o tlaa otlhaya batho ba go nna jalo ka kgolegelo gore ba bone gore tota kgang e ke kgang e e sa batlegeng.

A re se se utlwisang botlhoko ke gore motse wa Marobela o kile wa welwa ke seru dingwaga tse pedi tse di fetileng mme mmelaelwa e le motswakwa, jaanong go a gakgamatsa go bona bangwe ba ntse ba tsweletse ba a fa batswakwa bonno a bo a ipotsa gore a ba santse ba batla seru se sengwe gape. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ndapiwa Mothetho

Location : Marobela

Event : Phuthego

Date : 18 Feb 2016