Breaking News

Letsogo la banana mo tlhabololong ya motse ga le bonale

18 Feb 2016

Kgosi Nyemudzu Balo  wa Nkange a re banana ga ba tsenye letsogo mo ditirong tsa motse.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi  o tlhalositse gore go tshwanetse ga rolelwa banana marapo mme ba nne le seabe mo tsamaisong ya ditiro tsa motse go ithuta le go tsaya malebela. Kgosi Balo a re dipalo tsa banana ba ba tsentseng letsogo mo ditirong tsa motse di boutsana.

O ne a bua ka ditiro ka go farologana jaaka go ipelela boipuso  le meletlo e mengwe e e ka tlhokang boleng teng jwa banana a re ga  go na maiteko  ape. A re ntleng le go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse banana ga ba tsibogele mananeo a puso e a dirileng go boloka matshelo a bone.

Kgosi o ne a re banana ba goga dinao ba lebetse gore ke bone ba tlaa tsogang e le bone letswai la itsholelo ya lefatshe la Botswana a re go na le gore banana ba supane ka menwana ba thusane mo diemong tsotlhe ka mowa wa bojammogo.

Kgosi o ne a re le ntswa banana ba sa tsibogele mananeo, a re a puso e seka ya ipona tsapa e tsweledise ka go thusa Batswana ka kakaretso. A re puso e gorose ditlamelo e sere morago Batswana ba e supa ka monwana, e nne bone ba tlelwang ke boikotlhao.

Fa a ema banana nokeng, Rre Gabriel Tshekiso,  yo e leng modulasetilo wa komiti ya banana a re banana ba boitseme go tsaya karolo mo ditirong tsa motse.  A re mo tekodisong le banana ba bangwe, o fitlhetse ba na le matswenyego.

Rre Tshekiso o boletse gore banana ba bega matshwanyego a gore mabaka a go bo ba sa tsibogele ditirelo tsa motse ke gore dilelo tsa bone ga di reediwe ka nako, a re banana ba kopa tshalo morago ya mananeo a puso e a abelang Batswana gore ba kgone ba bone dikgakololo le tsela ya  go ka somarela go itshetlela ga dikgwebo.

Modulasetilo a re banana ba lela gape ka gore dikomponi tse di tsayang karolo mo ditlhabololong tsa motse ga di ba tswele mosola. O ne a re banana ba re ba tshosiwa ke gore le ka lone lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ba tlaa tswa ba iphotlhere.

Rre Tshekiso a re dikomponi tse di tlang mo motseng di tla di thapile badiri ba tsone mme seo se beye banana ba Nkange ka fa mosing mme ke ka moo ba kgobegang marapo.

Go sale foo Rre Nchebuki Jabe a re ene e le monana o itemogetse gore le ka dinako tse dingwe botsadi  ke jone bo senang thotloetso e e maleba mo baneng, mme seo se tsietse banana, ba latlhegelwe le ke kitso ya seabe sa bone mo motseng.

Rre Jabe o ne a re ka dinako tse dingwe ditlamelo di goroga kwa go bone morago ga sebaka se se solofetsweng. O ne a re ditlamelo di tla morago ga nako ka jalo a go gwetlhe boeteledipele go netefatsa gore tse tsotlhe di wetse mo mannong a a maleba.

Fa a gakolola banana ka ene o ne a re banana ba ikgaphe mo diritibatsing le borukutlhi ka seo se senya seriti sa bone banana le motse ka kakaretso.  A re banana ba nne seopo sengwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : Nkange

Event : Potsolotso

Date : 18 Feb 2016