Breaking News

Dikomiti tsa motse di diretswe molao

18 Feb 2016

Mookamedi wa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse kwa Moshupa, Rre Elliot Sebikiri o boletse fa dikomiti tsa dithabololo tsa metse di tsamaisiwa ka molao.

E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Moshupa Bophirima bosheng, Rre Sebikiri a bolela fa tsamaiso e e ntseng e le teng e ne e le lolea gape dikomiti dingwe tsa ditlhabololo di se ka fa molaong. Rre Sebikiri a re molao oo o tlaa simolodisiwa monongwaga. O supile fa go tlaa nna le diphetogo fale le fale jaaka go tlaa bo go dirisiwa fomo go ikopela boloko.

O tlhalositse gape fa go tlaa nna le maloko a le lesome mo komiting a a itlhophetsweng mme a rurifadiwe ke khansele. A re batho ba go nna jalo ba tshwanetse ba bo ba itse go bala le go kwala, ba le dingwaga tse di lesome le boferabobedi e bile e le Batswana. A re maloko a tlaa tsaya dingwaga tse tharo eseng tse pedi.

Rre Sebikiri a re motho yo o kileng a nna le molato wa borukutlhi ga a letlelelwe go nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse.

O tlhalositse fa khansele e ka ntsha motho mo bolokong fa a sa tsene bokopano jwa maloko gararo ka go tlhomagana, fa a sa itekanela sentle go dira ditiro tsa komiti, kana a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong mme go rurifaditswe ke ba bongaka.

Rre Sebikiri o tlhalositse gore molao wa re motho fa a batla go tlogela boloko o ka ntsha mokwalo wa go tlogela mo sebakeng sa kgwedi mme motho yo o ka se boe a ikopele boloko komiti eo e santse e le teng.
O boletse gore khuduthamaga e tlhophiwa mo bokopanong jwa ntlha mme khuduthamaga eo e ka seke e tlhophololwe mo sebakeng sa ngwaga.

E rile fa a tswa la gagwe, mongwe yo o neng a tsene phuthego, Rre Dithapelo Mathibidi, o ikuetse gore e re fa go tlhophiwa maloko, go tlhophiwe bangwe ba ba itseng go bala le go kwala gore ba kgone go tswa ka mananeo a a ka tlhabololang metse.E rile fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Moshupa Bophirima, Rre Thompson Sethibe, a tlhalosa fa ba amogela molao wa dikomiti tsa ditlhabololo ka oo mabedi.

O ne a bua a sa kgwe mathe ka dikomiti tse di maoto a tshupa, a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go bereka ka tlhaga gore go nne le neelano le boiteledipele jo bongwe jaaka mokhanselara le mopalamente. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thabang Tlhomamisang

Location : Moshupa

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Feb 2016