Breaking News

Mahalapye o kopa baemedi ba sedumedi

18 Feb 2016

Banni ba Mahalapye ba re ba eletsa gore puso e sekaseke mogopolo wa gore go simolole go nna le baemedi ba tsa sedumedi.

Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo mo bathong ka tebelopele ya 2036 kwa Mahalapye ka Labobedi.

Ba re dilo di fetogile mme go tsene sebaka sa gore go nne le baemedi kwa ntlong ya dikgosi, khansele ga mmogo le mopalamente ba tsa sedumedi go thusa go okela batho kwa Modimong  le gone go rapelela lefatshe. Ba kaile fa dilo tsotlhe di ka siama fa go na le kemedi fela e e tsepameng e tlhomilwe ka fa molaong mme e lebagane le tsa sedumedi.

Fa a tswa la gagwe, mongwe wa ba tsena phuthego eo, Mme Maureen Tyolo o ne a tlhalosa gore fa go ka nna le kemedi ya tsa sedumedi dilo di ka tsamaya sentle, a tlatsa ka gore thapelo ke yone e ka namolang lefatshe.

O ne a bua gape gore e tshwanetse ya re ka ngwaga wa 2036 puso ya bo e katolositse bodiredi le diofisi tsa puso mo metseng e e senang tsone bogolo jang tsa bobegadikgang le diofisi tsa lekalana la bong.

A re selo se, se ba jesetsa mo kgwebedung ka gore ba tshwanelwa ke go ya kwa Serowe go ya go batla dithuso kwa lephateng la bong. Mme Catherine Kapo le ene o ne a dumela gore fa batho ba ka ineela mo Modimong tsotlhe di ka apara tshiamo.

Mme Kapo a re nako e tsile jaanong ya gore puso e eme ka dinao go bona gore e rotloetsa thata batho go ineela mo Modimong. O ne a tlhalosa gape gore puso e tshwanetse go ema ka dinao mme ya emisa bojalwa ka e le jone bo bakang dilo tse di maswe jaaka malwetsi le tse dingwe tse di diragalang mo lefatsheng.

Rre Setaba Tibi ene o ne a tlhalosa gore puso e tshwanetse go ema ka dinao go bona gore e laola thata go gweba ka motlhaba, kabo ya ditsha le yone go ne go sekasekwa gore a ditlamelo di teng. Rre Tibi a re go gweba ka motlhaba go tshwanetse go tsewa tsia ka dinoka di senyegile ntateng ya gore ga go na molao o o ba laolang.

O ne a tlatsa ka gore go ya kwa ngwageng wa 2036 puso e tshwanetse go simolodisa go sila matlapa go dira motlhaba. Rre Christopher Kahuku le ene o ne a kopa puso go sekaseka kgang e ya motlhaba thata ka gore e tlaa re ngwaga wa 2036 o tsena go bo go sena dinoka.

Rre Kahuku o ne a tlhalosa gape gore puso e tshwanetse go tsaya tsia thuto ya bana a re go tshwanetse go simololwa fela ka jone bodiredi gore ka gongwe ba ka oketsa maduo. E ne e rile go le pele, leloko la lekoko leo, Dr Eagile Segosebe a kopa banni ba Mahalapye go tswa ka megopolo go ya kwa tebelopeng ya 2036.

O ne a ba botsa gape gore ba eletsa gore Motswana e bo e le motho yo o ntseng jang, wa setho le seemo se se ntseng jang. O ne a ba kopa gore ba ka eletsa gore go ka fitlhelelwa ditoro tse tsotlhe tse ba di eletsang fa go dirilwe jang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Feb 2016