Ipabalelo mo tirong e botlhokwa
18 Feb 2016
Babereki ba rotloeditswe go nna ba ipabaletse ka dinako tsotlhe go hema dikotsi tse di ka diragalang mo lefelong la tiro.
Ba gakolotswe se mo thuto seka dipuisanong e e neng e rulaganyeditswe badiri ba lephata la Water Affairs kwa Mahalapye ka Labobedi. Thuto seka dipuisano e, e ne e le go tlhagisa badiri ka ipabalelo ya matshelo a bone le didirisiwa tsa mo tirong.
Modiri wa lephata la Water Affairs, Rre Ngaparelang Makwete a re ba ne ba bona go le botlhokwa go tshwara thuto seka dipuisano e gore babereki ba tle ba itse ditsela tsa go itlhokomela mo dikotsing. Rre Makwete a re dithoto le tsone fa di sa bewe sentle di ka nna borai mo go bone mme e bile gape le tsone di ka senyega motlhofo.
A re babereki ba tlhoka didirisiwa gore tiro ya letsatsi e tswelele, mme fa di senyegile tiro ga e tswelele le fa ba gobetse mo tirong, tiro le yone ga e tswelele. Modiri wa lephata la ditima molelo mo Mahalapye, Rre Moses Mokotedi o ne a bolelela babereki gore ba tshwanetse go nna le kitso ka didirisiwa tse ba di dirisang le gore ba tshwanetse go di dirisa jang.
Rre Mokotedi a re ba lemogile gore Batswana fa go na le se se shang ba ya go kgobokana ko lefelong la tiragalo mme ba sa itse se se bakileng molelo. A re se se borai ka go ka nna ga thunya fa molelo o ntse o tsweletse go tswa fela gore o bakilwe ke eng.
A re dithoto di tswanetse gore di bewe ka tsela e e leng gore fa molelo o ka tlhagoga, batho ba ka kgona go bona tsela ya go ka iphalotsa motlhofo le fa mosi o thibile.
A re dilo di tshwana le dipampiri, dipeterole le diparafini ga di a tswanelwa go bewa go bapa ka di ka oketsa go kekela ga molelo. A re go tshwanetse ga nna le didirisiwa tsa go tima melelo tse di farologaneng go ya ka gore molelo o bakilwe ke eng, ka e mengwe e sa timiwe ka metsi jaaka bontsi bo dira.
Rre Molatlhegi a re babereki le baeng ba tshwanetse go kwadisiwa malatsi otlhe fa ba goroga mo tirong gore e re fa dikago di ka sha ba bo ba kgona go bona gore a bangwe ga ba a kaelelwa mo teng ga dikago. O ne a ba gakolola gore ba nne le kitso ka thuso ya potlako gore mongwe ka bone fa a ka tlhagelwa ke kotsi ba itse gore ba ka mo thusa jang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : Mahalapye
Event : Thuto puisaNO
Date : 18 Feb 2016






